Monni-le-seabe
O amogetswe mo workshopong ya temoso ya Melao ya Dipalangwa
Gompieno ke letsatsi le le kgethegileng mo hisetoring ya Aforika Borwa, moo o maatlafadiwang semmuso ka melao e e manang indaseteri ya dithekesi.
Molao ono o na le maikemisetso a le mmalwa:
i O tlhalosa ditshwanelo tsa gago le ditshwanelo tsa ba bangwe.
ii O sireletsa kgatlhanong le ba ba ka ka batlang go dirisa molao kgatlhanong le wena e se ka fa molaong, mme iii O go kgontsha go nna le seabe le go dirisa ditshono tse di leng gona mo indasetering.
Go itumedisa tota go itse gore molao ga o tlhoke bokgoni jo bo rileng, le gale, o tlhoka kitso e e tlwaelegileng, kakanyo e e batlisisang le go ikakanyetsa, mme tseo tsotlhe re na natso.
Re go rotloetsa go reetsa ka tlhoafalo le go botsa dipotso tse dintsi fela go ya ka keletso ya gago, mme re tla thusa ka moo re ka kgonang ka teng.
Weno
Boeteledipele DiWorkshop tsa porofense Melawana & jwa dithekesi Taolo ya Indaseteri. Batlhankedi ba Puso Ditheetso tsa phatlalatsa Baitseanape Go fetolelwa mo temokerasing le go dirwa Fomale
Katiso
PLTF (S22) Go tlhamiwa ga Bakwadisi /Dikantoro
CPTR (S23) Boto ya Dilaesense tsa Tiro
OLS (S24) Phetolelo (Tetla go ya go Laesense ya Tiro)
RATPLAN (S25) Letsholo la Nna Mo Molaong
Letshwao la TETA
Setshwantsho sa batho ba ya go palama thekisi le letshwao la tsela
Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di tsamayang mo Lefatsheng
MOJULE ONO O KA GA ENG?
Go na le puo e e reng: "Ntwa ga e age motse". Maitemogelo a rona mo indasetering ya dithekesi a totobaditse seno makgetlo a le mantsi. Pele ga puso ya temokerasi, batho ba le bantsi mo indasetering ya dithekesi ba itemogetse dikgotlhang tse di boitshegang; tse di bakileng dintsho tse di botlhoko le dikgobalo tsa boradithekisi le bapagami. Dikgotlhang tseno le dintwa di ne di bakwa bogolo segolo ke go se utlwane ga batho ba ba mo indasetering mabapi le ditsela, ditlhotlhwa tsa tuelo, j.j.
Gore go fedisiwe dikgotlhang tseno mo indasetering e e sa tsamaiseweng fela ke Bantsho, mme gape e tlamela bontsi jwa Bantsho, puso gammogo le Khansele ya Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Dithekesi wa Aforika Borwa, ba saenile memorantamo wa ditumelano o maikaelelo a ona e leng go lere kagiso mo indasetering. Memorantamo wa tumelano o ne wa salwa morago ke melao e le mmalwa e e fetisitsweng ke palamente go lere tolamo mo Indasetering ya Dithekesi. Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di tsamayang mo Lefatsheng, ke mongwe wa melao eno..
Setshwantsho sa renke ya dithekesi
Indaseteri ya Dithekesi, Boipelo jwa monna wa Montsho!
Bontsha kitso ya Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di tsamayang mo Lefatsheng.
Lemoga botlhokwa jwa gore indaseteri ya dithekesi e tsamaisiwe ka tsela ya temokerasi.
Lemoga tsamaiso ya go aga dithekesi seswa
Lemoga gore tsamaiso ya thulaganyosešwa e kaya eng.
Lemoga ditlhokego tse di totobaditsweng tsa Dithekesi tse Dintšhwa.
Itse tsamaiso e e dirisiwang go rulaganya sešwa indaseteri ya ga jaana ya dithekesi go nna indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe
Lemoga maikarabelo a rathekesi malebana le go ikobela tsa makgetho le mesola ya go dira jalo
Botshelo ke puisano. Akanya fela gore go ka lefatshe le ka bo le le bosula jang fa go ne go sena mokgwa ope fela wa puisano!
Go na le mafoko le matshwao a a dirisiwang gantsi ke setlhopha sa batho se e leng sona se tlhaloganyang bokao jwa ona.Go buisana go tshwana le go dirisa "dikhoutu" tse di tshwanetseng go tlhalosiwa gore batho ba bangwe ba di tlhaloganye.
Batho ba ba mo Indasetering ya Dithekesi le bona ba na le setaele sa bona sa go buisana. Re itse "puo" (ya matshwao) e bakgweetsi ba dithekesi le bapagami ba e dirisang gantsi go bontsha mafelo a go iwang kwa go ona. Matshwao ano a dirisiwa go romela melaetsa e e bonolo ka bonako.
Batho ba na le mokgwa wa go kgaola mafoko gore ba buisane ka bonako. Tota e bile batho bangwe, o ka bua ka MaAforika Borwa, ba rata go nna botoka mme ke ka moo ba dirisang dikhutswafatso (dikhutswafatso tsa mafoko) mo puisanong le mo go kwaleng. Ka dinako dingwe, khutswafatso e e dirisiwang ya lefoko e itsege go gaisa lefoko ka bolona. Go naya sekai, lefoko "Acquired Immune Deficiency Syndrome" le na le khutswafatso e e itseweng ke batho ba le bantsi mme e tlhaloganyega bonolo fa e buiwa gongwe e kwadilwe ka mokgwa wa khutswafatso. A o itse gore e kaya eng?
Fela jaaka mo maphateng a mangwe a tiro, ba ba nang le seabe mo indasetering ya dipalangwa ba dirisa dikhutswafatso go nolofatsa puisano. Tse dingwe di ditelele fa tse dingwe go se bonolo go di gakologelwa. Le gale, ano ke mafoko a batho ba ba leng mo indasetering ba tshwanetseng go a itse le go tlhaloganya bokao jwa ona ka ntlha ya fa a ama kgwebo ya bona ka mongwa mongwe. Mefuta e e khutswafaditsweng ya mafoko ano e fitlhelwa mo dipegelong, Dimemorantamo tsa ditumelano le mo melaong e e fetisitsweng ke palamante. Mo molaong wa Bosetshaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng, (MBKDTL) (ela tlhoko khutswafatso eno) go na le dikhutswafatso tse re tlhokang go itse bokao jwa tsona. Tsona di tlhalosiwa mo lekwalong la MBKDTL.
Go reng go tshwanetse ga nna le MBKDTL gona?
Tiragatso
Lebelela ditshwantsho tse di neilweng setlhopha sa gago ka kelotlhoko mme:
O supe bothata
O tlhalose gore ke eng se se tlhagelelang mo ditshwantshong tsotlhe
O tlhagise bothata jwa setlhopha sa gaeno gammogo le tharabololo e e ka dirisiwang go botlhe
Fa re leba kwa morago mo hisetoring ya rona, re fitlhela gore ga go bolo go nna le melao e e dirilweng le go dirisiwa ke dikgosi le makgotla a tsona. Maikaelelo a yona e ne e le go lere tolamo mo metseng. Le mo malatsing a gompieno re sa ntse re na le metse e kwa go yona banna (tota ka gongwe le basadi!) ba kokoanang kwa kgotleng ya kgosi beke le beke go ya go dira melao. Gape ba dirisa foramo eo go netefatsa gore baagi ba motes ba latela 'molao' fela jaaka o ntse. Tsela eno e e siameng ya go 'tsamaisa' motes jaanong ke diragadiwa ke dipopegotheo tsa pusoselegae le puso ya bosetšhaba kwa metsesetoropong. Bagolo ba rona ga ba bolo go itse gore tikologo e e senang molao e ka baka tlhakatlhakano e e ka senyang baagi.
Melao ya Puso
Naga nngwe le nngwe ya temokerasi go tshwana le Aforika Borwa, e na le melao e e fetisitsweng ke palamente, e e tshegetsang ditshwanelo tsa ntlha tsa botho le ditshiamelo tse di fitlhelwang mo molaotheong wa naga ya rona. Seno se bidiwa melao. Lefapha lengwe le lengwe la puso le na le melao e e le thusang go samagana le mathata a a farologaneng a a itemogelwang ke baagi mo mererong e e amanang le lefapha leo. Go naya sekai; Lefapha la Thuto le na le "molao wa Dikolo" o o tlhalosang ka moo merero ya dikolo e tshwanetseng go tsamaisiwa ka gona. Lefapha la Boitekanelo le na le melao e e tlhalosang ka moo badiri ba boitekanelo ba tshwanetseng go tsamaisa kalafi mo balwetseng ba bona ka gona.
Fela jalo, Lefapha la Dipalangwa le na le melao e e kaelang ba ba nang le seabe mo kgwebong ya dipalangwa malebana le le se ba tshwanetseng go se dira go lere tolamo mo indasetering. Mongwe wa yona ke Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (MBKDTL). Maikemisetso a magolo a MBKDTL ke go:
fetola indaseteri ya ga jaana ya dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng go e dira tsamaiso e e ikgonang mme e le bokgoni ya dipalangwa tsa botlhe.
lere tekatekanyo magareng ga tlhokego le tlamelo gore tsamaiso ya dipalangwa tsa botlhe e laolwe ke ditlhokego.
fitlhelela ditlhokego tsa bapagami.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Togamaano ya Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (LBTDTL) (Lebelela Karolo ya 21)
Ponelopele ya Tona ya Bosetšhaba malebana le dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng mo nageng yotlhe
Le tla akaretsa dilo di tshwana le dipalangwa tsa dithoto le tsa diterena, ditsela tsa bosetšhaba le dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng go ralala diporofense.
Le rotloetsa kopanyo ya togamaano ya dipalangwa tse di tsamayang mo lefatsheng
Le tlhalosa maano a go samagana le dikgotlhang tse di malebana le tiriso ya lefatshe le togamaano ya dipalangwa magareng ga diporofense le makgotlatoropo, jalo le jalo
Matlhomeso a Diporofense a Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (MDDTL): x diporofense di le 9 (Lebelela Karolo ya 22)
Porofense nngwe le nngwe e dira maano a dingwaga di le 5 ka makgotlatoropo a selegae (bothati jo bo logang maano)
A tshwanetse go nna le manaane a ditlapele tsa diporojeke tsa dipalangwa tsa porofense le ditekanyetsokabo
A tshwanetse go kaela malebana le dipalangwa tsa baithuti le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng
A tshwanetse go tlhalosa ditirelo tsa maeto a maleele go ralala diporofense le mo teng ga diporofense
A tshwanetse go tlhalosa maano kakaretso malebana le bojanala
Jalo le jalo
Tiragatso
Lebelela khopi ya MBKDTL mme o tlhophe leano le le lengwefela le setlhopha sa gago se tla samaganang nao mme:
Le buisane le go sobokanya maikemisetso a leano le le le tlhophileng.
Dira tlhagiso malebana le leano la lona ka mokgwa o o tla dirang gore ditlhopha tse dingwe di tlhaloganye gore le ka ga eng.
Go fetolwa ga Indaseteri ya Dithekesi go nna ya temokerasi
Bontsi jwa batho ba ba tsetsweng dingwaga di le mmalwa pele ga ngwaga wa 1994 bo tla itse tshotlego e Bantsho ba e itemogetseng ka ntlha ya fa ba ne ba gateletswe ke puso e e neng e se ya nnete. Ba ne ba sena lefoko mo tsamaisong ya naga ka ntlha ya fa ba ne ba sa letlelelwa go tlhopha batho ba ba ba batlang go tsena mo pusong. Go ne go sena temokerasi. Ka ntlha ya temokerasi, jaanong mo Aforika Borwa go nna le ditlhopho mo magatong a selegae le a bosetšhaba. Ka ditlhopho, baagi jaanong ba kgona go baya batho ba ba ba batlang mo palamenteng!
Ka ntlha ya fa re itse gore go utlwala jang go tshela mo nageng ya temokerasi, go botlhokwa gore maphata otlhe a a amang matshelo a rona le ona a dirise temokerasi. Akanya ka sekai sa tsamaiso ya sekolo (ka makgotla a kemedi ya baithuti), pusoselegae (ka makhanselara) jalo le jalo. Mme seno se ntse se le maleba mo indasetering ya dithekesi - re tshwanetse go diragatsa temokerasi mo dipopegotheong tsa rona mo magatong a selegae, porofense le la bosetšhaba.
Tiragatso
Akanya ka ga popegetheo ya gago ya selegae.
O emelwa jang kwa legatong la kgaolo?
Go latelwa dithulaganyo dife gore go swediwe ka gore ke mang a tshwanetseng go nna mo lekgotlakhuduthamageng?
A bothati jwa lona jwa kgaolo bo na le kemedi kwa legatong la porofense?
A bothati jwa porofense bo na le kemedi kwa legatong la bosetšhaba?
Bothata jwa bosetšhaba bo bidiwa eng? Ditiro tsa jona ke eng?
Ke eng se se kaelang dikhansele tsotlhe tsa dithekesi malebana le go tsamaisa merero ya tsona?
O ka re dintlhatshwano (malebana le tsamaiso) magareng ga puso ya Aforika Borwa le indaseteri ya dithekesi ke dife?
Tolamo mo indasetering (go ikobela ditshwetso tse di tserweng)
Maiteko a a tsamaisiwang ka thulagano
Maatla a go reka"
Go thata Mzala, ga go sa tlhole go na le letseno! Re ka dirang? THULAGANYO SEŠWA
Kwa go nngwe ya dikopano tsa Komiti e e Ikgethileng ya Ditirelo tsa Setšhaba ka kgwedi ya Seetebosigo 2002, Moporesidente wa SANTACO, e leng Rre Moufhe o ne a re: "Pele ga ngwaga wa 1994, indaseteri ya dithekesi e ne e le kgwebo e e humileng. Fela puso ya tlhaolele e ne ya dira maiteko a ka bomo a go reketlisa indaseteri ka go ntsha ditumelelo di le dintsi."
Tiragatso
Polelo ya ga Rre Moufhe e ka ne e le nnete. Bua gore ke dintlha dife gape tse o akanyang gore di reketlisa indaseteri ya dithekesi. Tlhagisa dintlha di le 5 mme o tlhalose ka moo di nang le seabe ka teng mo seemong sa ga jaana mo indasetering ya dithekesi.
Go fetolwa ga indaseteri ya dithekesi go nna indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe
A o ntse o itse gore dithekesi di rwala bapagami ba feta dimilione di le 3.7 moso mongwe le mongwe? Bano ke batho ba e leng gore ba na le seabe mo ikonoming - seno se kaya gore indaseteri e na le seabe mo tlhabololong ya ikonomi ya naga le fa tota e ise e tsewe jaaka indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe. SANTACO le lefapha la dipalangwa ba eletsa go fetola indaseteri ya dithekesi go nna tsamaiso ya dipalangwa tsa botlhe gore:
go atolosiwe indaseteri ya tirelo ya dipalangwa tsa botlhe go maatlafadiwe ikonomi ya indaseteri ya dithekesi ka tsamaiso ya dithendara go tokafadiwe boleng jwa ditirelo ka kgaisano le dibese, go naya sekai
Tiragatso
Tlhagisa diponagalo di le 5 tse - go ya ka wena - di nang le seabe mo "tirelong e e gaisang ya boleng" mo indasetering ya dipalangwa
Kwala lenaane la bonnye ditirelo di le 3 mo indasetering ya dipalangwa mme o tlhalose gore ke efe e e tlamelang badirisi ka tirelo e e gaisang.
Ke eng se se tla dirang gore indaseteri ya dithekesi e dire jaaka kgwebo e e gaisang?
A dikgwebo tsotlhe di duela lekgetho? Wa reng ka go ikobela lekgetho ke indaseteri ya dithekesi (go lebeletswe mothapi le badiri)?
Go agwa sešwa ga dithekesi ka boripana setshwantsho sa dithekesi mo tseleng
Maikemisetso a Lenaneo la Kagosešwa ya Dithekesi ke go:
emisetsa dithekesi tsa ga jaana tse di onetseng ka dikoloi tse dintšhwa, tse di agilweng mo gae tsa manno a le 18 le 35.
fitlhelela seemo sa pabalesego se se tlhokegang mo dipalangweng tsa botlhe tsa bapagami (Dithekesi tse Dintšhwa di tla nna gape le diponagalo tse di ikgethileng tse di tshwanang le sediriswa se se thibelang go laisa go feta tekano).
maatlafatsa ikonomi ya beng le ba ba nang le seabe ka diketleetso le ditetlo tsa tshenyo.
go tlhama dikoporasi tsa dithekesi go gokaganya le batlamedi ba ditšhelete fa go phasaladiwa dirori tse dintšhwa go tlamela ka ditlamelo tsa lenaneo le le patelediwang la tlhokomelo la dithekesi tse dintšhwa go tokafatsa ikonomi ya naga (sekai, Dithekesi tse Dintšhwa gammogo le dikarolo tsa tsona di ya go dirwa mo gae)
go nna le tshwaelo mo boitekanelong jwa tikologo (Dithekesi tse Dintšhwa di ya go dirisa disele, e e leng tlhotlhwatlase go na le petorolo mme gape e tla fokototsa mosi o o ntshiwang ke sekgwamosi sa serori).
go tokafatsa ditiro tsa dithekesi ka kakaretso, go tshwana le go koleka dituelo (di tla nna le tsamaiso ya tuelo e e bidiwang smart card - EMS)
go dira banka ya tshedimosetso ya bosetšhaba ya dilaesense tse di dirang ka kwadiso ya Dithekesi tse Dintšhwa.
Sekema seno sa tshimologo, se se tlhamilweng ke setlhopha sa tiro se se emetseng mafapha a Dipalangwa, Kgwebo le Indaseteri, Dimenerale le Maatla gammogo le Bothati jwa Ditšhelete jwa Bosetšhba, ka tshwaragano le indaseteri ya dithekesi, se tla tsamaisiwa ka tsamaiso ya kananyo (se segologolo ka se sentšhwa) le tetlo ya tshenyo e e tla bong e ka bonwa ke beng ba semolao ba dirori tse di gona ga jaana go fokotsa tlhotlhwa ya dirori tse dintšhwa.
Tiragatso
Go ya ka SANACO, lenaneo la thulaganyo sešwa ya dithekesi le na le dipoelo tse di boitshegang mo bathong ba le mmalwa ba ba nang le seabe. Buisanel le go kwala lenaane la dipoelo tseno go:
Mong wa thekesi
Mopagami
Setšhaba
Puso
Difaboriki tsa dirori le dikarolo
Ditheo tsa ditšhelete
Mokgethisi
Ikonomi ya naga
Thulaganyosešwa malebana le Dithekesi tse Dintšhwa
Lenaneo la thulaganyosešw le tla lebisa kwa goring ditsela di rulaganngwe sešwa. Ditlamorago tsa seno ke gore:
Ditsela tsa ga jaaa di tla tlhalosiwa gape gore go tlamelwe bapagami ka tirelo e e gaisang.
Go tla nna le mefuta e le mene ya dirori tse di tla bong di na le seabe mo tsamaisong ya dipalangwa tsa botlhe tse di tsamayang mo lefatsheng. Di tla bo di rulaganyeditswe go rwala go sa akarediwe mokgweetsi: -
i batho ba le kwa tlase ga 9 sekai, dithekesi tsa dimetara ii batho ba le 18 dikhombi iii batho ba le 35 dikhombi le iv batho ba le 46 gongwe go feta sekai, dibese tsa tlwaelo jaaka re di itse gompieno.
Ditetla tsa ga jaana di tla fetolelwa go nna dilaesense tsa tiro, tse di tla tsayang sebaka sa dingwaga di le 5 e seng jaaka ditetla tsa botshelo jotlhe.
Dilaesense tsa tiro di tla bo di ikaegile ka ditsela E SENG KA sekgala go tshwana le ditetla.
Dithekesi tse dintšhwa di tla tsenngwa mo sejuleng go lebeletswe ditsela le nako bogolo segolo tse di tla bong di etleediwa.
Go tla nna fela le palo e e rileng ya Dithekesi tse dintšhwa e e tla dirang mo tseleng le lefelon le le riling tsamaiso ya karolelo
Ditirelo dingwe tsa dipalangwa di tla etleediwa. Ditirelo tsa dipalangwa tse di etleediwang di tla tsenngwa mo sejuleng go kaya gore, di tla latela lenaanenako
Ditlhokego tse di totobaditsweng tsa Dithekesi tse Dintšhwa
Go latela dingwe tsa ditlhokego tse di totobaditsweng tsa dirori tse di solofetsweng tsa dipalangwa tsa botlhe tsa mofuta wa minibese le wa midibese:
Mothamo wa Enjene: 18S (khombi) e tla bo e le 2,5 - 4,0 letara tsa disele le 4,6 - 6,0 diletara tsa disele tsa 35S (khombikgolwane).
Setswalo sa bapagami: Setswalo se le sengwe se se itirisang se se laolwang ke mokgweetsi ka bophara jwa 850 mm mo go 18S le 35S.
Bonno jwa bapagami: ditilo di le 4 go ralala bophara jwa Thekesi e Ntšhwa (ka tsela nngwe le nngwe).
Tiragatso
Tsaya gore o na le setlamo sa faboriki ya dirori se se ka kgonang go fitlhelela ditlhokego tsa porojeke ya thulaganyo sešwa ya dithekesi. Lefapha la Dipalangwa le Lefapha la Kgwebo le Madirelo a ntshitse thendara ya go agiwa ga nngwe ya Dithekesi tse Dintšhwa. Setlamo sa gago se sweditse go gaisanela thendara. Ditlhokego tsa thendara ke gore ditlamo tse di gaisanelang thendara di tshwanetse go romela tokumente ya tshitshinyo/thendara e:
e nang le seshwantsho sa nngwe ya Dithekesi tse dintšhwa, e nang le setshwantsho se se bontshang ka botlalo, bonnye, ditlhokego tse di totobaditsweng di le 7 jaaka di tlhalositswe mo tokumenteng.
e sedimosang mesola ya Dithekesi tse Dintšhwa tlhagisang diphopoletso tse di amogelesegang tsa ditshenyegelo tsa Thekesi e Ntšhwa e nang le dilo tse dingwe tse di tla rotloetsang boto ya dithendara go go abela thendara.
Mo flip chart e o e neilweng, baakanya tokumente ya gago ya thendara ya go aga Thekesi e Ntšhwa e o yang go e tlhagisetsa boto ya dithendara.
Letshwao la TETA
Setshwantsho sa batho ba ya kwa thekesing le letshwao la tsela 
Molao wa Porofense wa Dipalangwa
MOJULE ONO O KA GA ENG
Diporofense di tlhoka gore di tle ka maano a tsona a go tsenya tirisong Molao wa Bosetšhaba wa Kgabaganyo wa Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefatsheng (MBKDTL). Go naya sekai, porofense e nngwe le e nngwe, ka kaelo ya Mokhuduthamaga, e tla thapa batho ba ba tla dirang mo ditheong tse di farologaneng. Mo mojuleng ono re tlile go lebelela maikarabelo a dipopegotheo tseno gammogo le mefuta ya maano a di tla tshwanelang go a tlhama.
fa thoko: Setshwantsho sa thekesi mo sekontereng gammogo le mmapa wa Aforika Borwa
Bontsha kitso ya ditheo/dipopegotheo tse di farologaneng tse di nang le seabe mo dipalangweng
Bontsha ka moo o tlhaloganyang ditiro tsa ditheo/dipopegotheo tsa dipalangwa mo porofenseng ya gago ka gona
Tlhalosa maikarabelo a Mokhuduthamaga malebana le go tsenngwa tirisong ga MBKDTL.
Bontsha kitso le maikemisetso a "Letsholo la nna ka fa Molaong" mo porofenseng ya gago.
Bothati le batlhankedi ba ba kwadisang
Go ya ka Molao wa Porofense wa Dipalangwa, porofense e thapile ditheo di le mmalwa go netefatsa gore di samagana le merero ya dipalangwa ya porofense ka tshwanelo. Tsona ka Boto ya Dilaesense tsa Tiro, Bakwadisi le Batlhankedi ba ba Laoletsweng gongwe Badiragatsi ba Molao (sekai, motlhatlhobi wa dilaesense, motlhatlhobi wa dirori, ditokololo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, j.jj)
Go latela ditiro dingwe tsa ditheo/bothati jo bo kailweng fa godimo:
Boto ya Dilaesense Tsa Tiro
Go amogela, go lebelela le go swetsa ka dikopo tsa thebolo, ntšhwafatso gongwe phetiso ya dilaesense tsa tiro.
Go samagana le dikopo tsa go fetolelwa ga ditetla go nna dilaesense tsa tiro.
Go bona thebolo ya laesense ya tiro go tswa kwa Botong ya porofense e nngwe (go tewa, moo leeto le kgabaganyang diporofense).
Bakwadisi
Go amogela, go lebelela le go swetsa ka dikopo tsa kwadiso ya mekgatlho le batsamaisi ba indaseteri ya dithekesi ya di-minibese.
Go beela thoko gongwe go phimola dikwadiso.
Go tshola direkoto tsa tshedimosetso e e tlhokwang ke Bokwadisi jwa Bosetšhaba jwa dipalangwa go tshwana le batsamaisi, ditirelo gammogo le dirori tsa bona.
Go rotloetsa le go thusa mekgatlho go ikwadisa.
Go kwala le go tlhagisa pegelo ya ngwaga le ngwaga go Mokhuduthamaga gore a e tlhagise kwa kokoanopeomolaong ya porofense.
Badiragatsi ba Molao gongwe "Batlhankedi ba ba Laoletsweng"
Maikarabelo a magolo a batlhankedi bano ke go netefatsa gore go ikobelwa MBKDTL. Seno se ka akaretsa:
Go gapa dirori tse di se nang dilaesense tsa tiro.
Go emisa le go tlhatlhoba dirori gammogo le ditokumente tse di maleba mo tseleng.
Go amogela dintlha le dipolelo tsa bapagami malebana le gore a ba dueletse go rorwa mo seroring.
Go kopa mokgweetsi go tlamela ka tshuo le dintlha tsa mongwa wa serori le go tlhagisa ditokumente tsa tshegetso.
Tiragatso
Lebelela Molao wa Porofense ya gago wa Dipalangwa mme o:
Tlhalose le go tlhopha ditheo dingwe di le tharo tse di ka dirisanang nao mo pakeng ya go dira tiro ya gago.
Buise ditiro tsa ditheo tse o di tlhophileng mme o supe gore maikarabelo a gago malebana le ditheo tseno e tshwanetse go nna eng.
Maikarabelo a Mokhuduthamaga malebana le MBKDTL
Karolo ya 3 ya MBKDTL e tlhalosa maikarabelo a porofense a go tsenya tirisong MBKDTL. Porofense e tshwanetse go tla ka maano a a farologaneng a dipalangwa a a elang tlhoko mabaka a a amang diporofense. Lengwe la maano ano ke Leano le Kopanetsweng la la Dipalangwa (LKD). Tšhate e e latelang e sobokanya dithulaganyo tse di akarediwang mo go tlhameng leano leno:
Tiragatso
Setshwantsho
Setshwantsho sa lefelo la baipei
Fa go rulaganngwa Leano le le Kopanetsweng la Dipalangwa (LKD), go botlhokwa gore go totiwe "tlhabololo ya mafelo a metsemagae le karolo e e kgethegileng ya dipalangwa tse di tlhokegang". Tlhalosa polelo eno mme o kwale bokao jwa yona malebana le tlamelo ya ditirelo tsa dipalangwa go mafelo a a laelang:
Mafelo a baipei
Ditiro tse di kgethegileng le mafelo a a kgatlhisang (go lebeletswe bajanala thata).
Go latela fano papatso e e tlhageletseng mo go nngwe ya dikuranta tsa mafelo a beke. E amana le maikarabelo a bothati jwa porofense jwa go tsenya tirisong melao e e maleba ya dipalangwa go netefatsa gore go na le tsamaiso e e lekaneng e e tsamaisiwang sentle ya dipalangwa mo porofenseng.
Setshwantsho sa papatso
Tiragatso
Lebelela phatlha e e phasaladitsweng mme o tlhalose le go dira tlhagiso mo go tse di latelang:
Maikarabelo a go thapa motho mo phatlheng eno ke a ga mang?
Ke molao ofe wa dipalangwa o o letlang go thapiwa goo?
Boto eno e tshwanetse go nna le ditokololo di le kae?
Ditiro tsa Boto eno e tla nne dife? (lebelela molao).
Ke mang yo o se nang tshiamelo ya go supiwa mo Botong ya Dilaesense tsa Tiro?
Ditiro tsa motshodi wa laesense ya tiro ke dife?
Letsholo la Nna ka fa Molaong" mo porofenseng ya gaeno.
Go tlhalositswe gore ke maikarabelo a diporofense go tlhama le go tsenya tirisong maano a a farologaneng a dipalangwa mo diporofenseng tsa tsona. Gore seno se diragale, bothati jwa porofense bo tshwanetse go itse, sekai, gore go na le dithekisi di le kae tse di dirang, di dira kwa kae, jalo le jalo. Go tlhomilwe letsholo fa gautshwane, le maikaelelo a lona e leng go kwadisa dithekesi tsotlhe gore go tle go nne le banka ya tshedimosetso e e tla thusang togamaano ya dipalangwa mo porofenseng
Moono wa Letsholo la Nna ka fa Molaong e ne e le 'Wa Lala, Wa Sala'.
Tiragatso
Tlhalosa tse di latelang malebana le Letsholo la Nna ka fa Molaong mo porofenseng ya gaeno:
Maikaelelo a Letsholo la Nna ka fa Molaong e ne e le eng?
Le na le bokao bofe jwa pakatelele mo go ba ba fositseng gongwe ba ba tla fosang letlha la bofelo la go kwadisa (Akanya ka ga bokao jwa moono)?
Fa o lebelela dintlha tse di tlhagisitsweng mo Mojuleng wa 1 (MBKDTL) le mojule ono, a o kanya gore "bo-Mduvhas" ba ka dira mo isagong?
Setshwantsho sa batho ba ya kwa thekesing le letshwao la tsela le letshwao la TETA
GO TLHALOGANYA MOLAO WA BOSETŠHABA WA PHARAKANO YA MO TSELENG
Go dira tlamelo ya merero ya pharakano ya mo tseleng e e tla dirisiwang ka go tshwana go ralala Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Mojule ono o ka ga eng?
Mo mojuleng ono o, o tla ithuta go le gontsi malebana le Molao wa Dipalangwa tsa mo Tseleng gammogo le bokao jwa ona mo indasetering. Gore motho a dire go ya ka molao, o tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo Melao e e laolang ditsela tsa rona
Mo Mojuleng ono re tla lebelela:
Thanolo ya Molao wa Bosetšhaba wa Dipalangwa tsa mo Tseleng
Go nna mo seemong se se siamentseng go kgweetsa
Go rebolwa ga Laesense ya go Kgweetsa
Matshwao a Tsela
Go bega Kotsi
Ditiro tse di seng ka fa molaong malebana le dipoleiti/matshwao a kwadiso
Fa thoko: Setshwantsho sa batho ba pagama thekesi
MATSENO
Molao o na le dipolelwana di le dintsi le dipolelwanapotlana tse di amang batho ba ba dirang mo indasetering ya dithekesi, le fa e se ka tlhamalalo. Dikai tsa tsona ke kwadiso ya difaboriki, baagi le baromelateng ba dirori; kwadiso ya diteišene tsa ditlhatlhobo; maatla le ditiro tsa Mokaedi-Kakaretso le ba bangwe.
Re tliele go itebaganya le dintlha tse di amang indaseteri ya dithekesi ka tlhamalalo.
Molao o na le Dikgaolo di le VX(sometlhano). Re tla lebelela dingwe tsa dikgaolo go re re tlhaloganye ka bophara diteng tsa teng.
Kgaolo 1
Thanolo ya Molao
Kgaolo 2
Tiriso ya molao
Kgaolo 3
Kwadiso le thebolo ya dilaesense tsa dirori
Kgaolo 4
Go nna mo seemong se se siametseng go kgweetsa ga mokgweetsi
Kgaolo 5
Go nna mo seemong se se siameng ga serori
Kgaolo 6
Go nna mo seemong se se siameng ga mong
Kgaolo 7
Pabalesego mo tseleng
Kgaolo 8
Dithoto tse di kotsi
Kgaolo 9
Matshwao a tsela le dipeelo tsa lebelo ka kakaretso
Kgaolo 10
Dikotsi le dipegelo tsa dikotsi
Kgaolo 11
Kgweetso e e botlhaswa
Kgaolo 12
Megopolo le dithulaganyo tsa molao
Kgaolo 13
Melawana
Kgaolo 14
Direkoto tsa kwadiso
Kgaolo 15
Ditlamelo ka kakaretso
Ditshobokanyo tsa dikgaolo tse di mo molaong
Dipoelo
Mo yuniting eno o tla tlhaloganya:
Dikamano tsa dikgaolo tse di farologaneng mo molaong.
KGAOLO 1
Kgaolo 1 e tlhagisa ditlhaloso tsa mareo a a dirisiwang go mo Molaong.
Go naya sekai:
Motlhankedi wa kagiso" o kaya motlhankedi wa pharakano le motlhokomedi wa pharakano yo o thapilweng go ya ka melao ya porofense epe fela.
Serori se se tshwaragantsweng" se kaya kopano ya dirori e e nang le lori-terekere le seka-kolotsana.
Kgaolo 2
Tiriso ya Molao le ditlhokegopotlana
Seno se kaya gore Molao o tla dirisiwa go ralala Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Kgaolo yotlhe fela e lebeletse batlhatlhobi, batlhatlhobi ba dirori le batlhatlhobi ba dilaesense tsa go kgweetsa.
Kgaolo 3 ya Molao
Kwadiso le thebolo ya dilaesense tsa dirori
Kgaolo yotlhe fela e lebeletse dintlha tse di malebana le difaboriki, baagi le baromelateng ba dirori.
Kgaolo 4 ya Molao
Go nna mo seemong se se siametseng go kgweetsa ga bakgweetsi
Tshobokanyo:
Karolo eno e bua ka dilaesense tsa go kgweetsa, mme e tlhalosa: (motemeng ya 12 & 13)
Gore ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le fela fa a tshotse laesense gongwe tokumente gongwe tetla epe fela e e rebotsweng mo go ena.
Laesense e e letlang mokgweetsi wa serori e tla reolwa ke tikwatikwe ya ditlhatlhobo tsa dilaesense tsa go kgweetsa mme e ka nna -
Laesense ya nakwana gongwe
Laesense ya go kgweetsa.
Laesense ya go kgweetsa e ka rebolwa fela fa morago ga gore go amogelwe laesense ya go ithuta go kgweetsa.
Kiletso ya go amogela gongwe go tshola laesense ya go ithuta go kgweetsa gongwe ya go kgweetsa
Tiro
Lebelela buka ya tiro mo Mojule 3 tiro 1.
Kgaolo 9: Matshwao a Tsela
Molao o tlhalosa sentle gore ke mang yo o nang le maikarabelo a go bontsha matshwao a tsela, gore matshwao a tsela a ka tlosiwa leng, gongwe seemo se a ka ikgatholosiwang mo go sona!
Potso 1
Ke mang yo o rwalang maikarabelo a go bontsha matshwao a tsela ka gale?
a Lekgotlataolo la selegae, gongwe motho ope fela yo o thapilweng ke lona mme a na le tetla ya go dira jalo a ka bontsha gongwe a dira gore go bontshiwe matshwao a a jalo a tsela ka mokgwa o o rebotsweng mo tseleng ya botlhe gongwe mo lefelong la tiro la lekgotlataolo leo la selegae.
b Lekgotlataolo la selegae le ka rebola tetla e e kwadilweng go motho mongwe le mongwe fela gongwe setheo, go bontsha gongwe go dira gore go bontshiwe matshwao a a jalo a tsela mo lefelong la tiro la lona ka mokgwa o o rebotsweng.
c Lekgotlataolo la selegae le le kailweng mo temeng ya b le ka swetsa ka seemo se go tla dirwang pontsho eo mme le ka laela gore letshwao leo le tlosiwe.
Go fa sekai, fa mokgatlho wa lona wa dibaesekele o na le kgaisano, gongwe letsatsi la boitumediso, o ka bona tetla ya go faposa pharakano. Seno se ka akaretsa go bontshiwa ga ga matshwao a tsela a le mmalwa.
Setshwantsho sa boradibaesekele
Mokhuduthamaga yo o amegang a ka letla mokgatlho ope fela go bontsha matshwao ape fela a tsela a a boning a le maleba, mme mokgatlho oo, o ka bontsha dibetšhe gongwe letshwao lepe fela la mokgatlho gammogo le letshwao leo la tsela, ka mokgwa o o rebotsweng.
Ka bokhutshwane: Ga gona motho ope yo o tla bontshang letshwao lepe la tsele mo tseleng ya botlhe ntle le fa a bone tetla go tswa go lekgotlataolo la selegae gongwe Mokhuduthamaga
POTSO 2
A go tla bo go le mo molaong gore balaolapharakano ba baithuti ba beye matshwao a pharakano ntle le go rerisana le bothati jwa semolao?
Setshwantso sa balaolapharakano ba baithuti
Mo ntlheng ya balaolapharakano ba baithuti, ba ka tswelela go baya matshwao a pharakano ka mokgwa o o rebotsweng ntle le go buisana le bothati jwa selegae ka ntlha ya fa seno se direlwa go netefatsa pabalesego ya baithuti ba ba kgabaganyang tseka ya botlhe.
POTSO 3
Go diragala eng fa sengwe gongwe letshwao le kgoreletsana le bokgoni jwa letshwao la tsela?
setshwantsho sa letshwao la tsela le fitlhilwe ke setlhare
KARABO
Mokhuduthamaga yo o maleba gongwe lekgotlataolo la selegae bo tshwanetse gore ka kitsiso e e kwadilweng, bo kaele mong gongwe motho yo o nnang mo lefelong le letshwao la pharakano gongwe sengwe se kgoreletsang pono gongwe se kgoreletsana le bokgoni jwa letshwao lepe fela la pharakano, go tlosa letshwao leo gongwe go ngongorega mo pakeng e e tlhalositsweng mo kitsisong.
Fa mong gongwe motho yo o amegang yoo a sa ikobele kitsiso, Mokhuduthamaga gongwe lekgotlataolo la selegae, fela go ya ka seemo sa nako eo, ba ka dira gore letshwao leo gongwe selo seo se tlosiwe.
Potso 3
Karabo
Ee! Go ya ka molao:
Ga gona motho ope yo o tshwanetseng gore a senye ka bomo gongwe ka botlhaswa, letshwao lepe fela la tsela, gongwe letshwao le lengwe, gongwe sediriswa sepe fela,
Gongwe
Ntle le tetla e e maleba ya go tlosa, a fetole seemo sa lona gongwe mokwalo, mmala wa mafoko gongwe matshwao a a mo go lona.
Potso 4
Karabo
Ga go a letlelelwa go tlhoka go obamela matshwao a tsela ntle le fa o laelwa ka mokgwa o mongwe ke motlhankedi wa pharakano...
Tiro
Lebelela Tiro 2: Go tlhoka go ikobela letshwao la tsela
Tekanyetso ya lebelo
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ka lebelo le le fetang tekanyetso ya kakaretso ya lebelo jaaka e le maleba mo karolong e e riling ya tsela.
Bakgweetsi bangwe ba ka feta tekanyetso ya kakaretso ya lebelo
Go naya sekai:
Mokgweetsi wa serori sa setimamolelo, serori sa phaloso gongwe emelense yo o kgweetsang serori sa go nna jalo go tsweletsa tiro ya gagwe, motlhankedi wa pharakano yo o kgweetsang serori go tsweletsa tiro ya gagwe gongwe motho ope fela yo o kgweetsang serori a le mo tshireletsong ya setšhaba a ka fetetsa tekanyetso e e beilweng ya lebelo.
Fa fela e le gore:
a o tla kgweetsa serori se se amegang a etse tlhoko pabalesego ya pharakano e nngwe; mme b mo mabakeng a serori seo sa setimamolelo, serori sa phaloso, emelense gongwe serori se se kgweediwang ke motho yo o mo tirong ya tshireletso ya setšhaba, serori seo se tla tsenngwa sediriswa se se kgonang go ntsha modumo o o rebotsweng le lebone la itshupo jaaka go rebotswe, mme sediriswa seo se tshwanetse go lediwa mme lebone leo le lona le tshubiwe fa serori se kgweediwa ka lebelo le le fetang tekanyetso ya kakaretso e e beilweng ya lebelo.
Setshwantsho sa serori le letshwao la tekanyetso ya lebelo
Tsereganyo e e tshitshinngwang go tokafatsa taolo: Tekanyetso ya lebelo
Morero
Bothata/Tlhokego
Tsereganyo go ya go ngwaga wa 2005
Ditheo tsa botlhokwa
MELAWANA E E KANNWENG
Tshekatsheko le paakanyo ya tekanyetso ya lebelo
Botlhokwa jwa go tswelela go baakanya ditekanyetso go lebeletswe bosupi jwa mafelo a a amegang thata
Lefapha la Bosetšhaba le tshwanetse go oketsa kgatelelo mo Mafapheng a Diporofense a Dipalangwa, dipusoselegae le SANRAL go netefatsa gore boruni jwa tekanyetso ya mabelo bo tlaleletsa mo mananeong a tlhabololo ya mafelo a a kotsi
E tswelela go fitlha kwa bokhutlong jwa togamaano
Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa, Mafapha a Diporofense a Dipalangwa
Katoloso ya go tlhomiwa ga dikhamera tsa mabelo tse di emeng le tse di sutisiwang
Maitsholomabe a bakgweetsi
E kopanngwa le ditiro tsa Goroga O Tshela
Lefapha la Bosetšhaba la Dipalangwa le tshwanetse go rotloetsa diporofense le makgotlatoropomagolo go dira ditirisanommogo tsa bosetšhaba le tsa poraefete tsa go tlamela le go tlhokomela thekenoloji ya temogo fa go leng maleba gona;
RTMC e tshwanetse go bona konteraka ya ditirelo tse di tshwanang le tseo bosetšhaba fela jaaka go tla bo go le maleba
E tswelela go ya kwa bokhutlong jwa togamaano
KGAOLO 10
Kgaolo eno e lebelela maikarabelo a bakgweetsi kwa lefelong la kotsi, mo motho yo mongwe a tlhokafetseng gongwe a gobetse gongwe a itemogela tshenyegelo ya dithoto dipe gongwe diruiwa.
Tiro
Lebelela buka ya tiro ya Mojule 3, tiro 3: Dikotsi le dipegelo tsa dikotsi
KGAOLO 11
Tiro
Lebelela buka ya tiro ya Mojule 3, tiro 4: Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Kgaolo eno e lebelela:
Go kgweetsa botlhaswa
Go kgweetsa go sa kgathalelwe ba bangwe
Go kgweetsa motho a nole tagi
Go tlamela ka tshedimosetso e e fosagetseng
Ditiro tse di seng ka fa molaong tse di malebana le dinomoropolata tsa kwadiso, dinomoro tsa kwadiso, matshwao a kwadiso gongwe makwalo mangwe.
Go kgweetsa botlhaswa
Molao o tlhalosa gore:
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori botlhaswa mo tseleng ya botlhe.
Seno se kaya motho mongwe le mongwe fela yo o kgweetsang serori ka go ikgatholosa ka bomo pabalesego ya batho gongwe dithoto.
Fa go lebelelwa gore a go tlodilwe Molao, kgotlatshekelo e tla lebelela mabaka otlhe a kgetse, go akarediwa:
Mofuta, seemo le tiriso ya tsela ya botlhe e go kaiwang gore tlolomolao eo e diragetse mo go yona, bogolo jwa pharakano e e neng e le gona ka nako e e maleba gongwe e e ka bong e ne e solofetswe go ka nna teng mo tseleng eo, gammogo le lebelo le mokgwa o serori se neng se kgweediwa ka ona.
Go kgweetsa go sa kgathalelwe ba bangwe
Ga gona motho ope yo o tla kgweetsang serori mo tseleng ya botlhe ntle le go kgathalela motho mongwe fela yo o dirisang tsela.
Go kgweetsa motho a nole tagi gongwe seritibatsi se se tagang, gongwe o na le seelo se se kwa godimo sa tagi mo mading gongwe mo moweng
Ga gona motho ope mo tseleng ya botlhe yo o tla-
ganang gore go tsewe sampole ya madi, gongwe sampole ya mowa mo go ena a kgweetsang serori; gongwe c a nna mo setilong sa mokgweetsi sa serori se enjene ya teng e tshubilweng fa seelo sa tagi mo sampoleng epe fela ya madi a a tserweng mo karolong nngwe le nngwe ya mmele wa gagwe e se kwa tlase ga digerama di le 0,05 mo dimileletareng di le 100, gongwe fa e le mokgweetsi wa porofešenale yo o kailweng mo karolong ya 32, e seng kwa tlase ga digerama di le 0,02 go dimileletara di le 100.
Tsereganyo e e tsitsinngwang ya go samagana le: dithulaganyo tsa tsamaiso ya ditiragalo/manokonoko
Bothata/ Tlhokego
Tsereganyo go ya go ngwaga wa 2005
Ditheo tsa botlhokwa
Botlhokwa jwa go tswelela go baakanya dithulaganyo/ditsamaiso tse di leng gona
Go tsweletsa kgolagano ya ka gale le SANRAL malebana le go tlhamiwa ga dithulaganyo tsa kgokagano e e rulaganeng go amanya le go tsamaisa sentle ditiro tsa batlhankedi ba pharakano, batlhankedi ba Sepodisi, ditirelo tsa diemelense gammogo le dilori tse di gogang kwa mafelong a dikotsi
E tswelela go ya kwa bokhutlong jwa togamaano
Go tlamela ka tshedimosetso e e fosagetseng
Ga gona motho ope yo -
Malebana le go tlamela ka tshedimosetso e go ya ka kitso ya gagwe, e tla, gongwe e ka dirisediwang lebaka lepe fela go ya ka Molao ono, a tla dirang maikano gongwe a tlamele ka tshedimosetso e go ya ka kitso ya gagwe, e fosagetseng gongwe ka tsela nngwe fela, e latlhang.
Ditiro tse di seng mo molaong malebana le dinomoropolata tsa kwadiso, dinomoro tsa kwadiso, matshwao a kwadiso gongwe makwalo mangwe
Setshwantsho sa nomoropolata ya kwadiso
Ga gona motho ope yo o tla dirisang gongwe go dira nomoropolata epe fela ya kwadiso, e e sa ikobeleng ditlhokego tse di totobaditsweng.
Ga gona motho ope yo o tla-
a senyang gongwe a dira setshwano gongwe, ka maikaelelo a go tsietsa, a emisetsa, fetola, gongwe a gagola gongwe go tsenya sepe fela mo nomorong ya kwadiso gongwe letshwao la kwadiso gongwe nomoro e e tshwanang gongwe letshwao le le rebotsweng ke bothati jo bo nang le bokgoni kwa ntle ga Rephaboliki; gongwe b tsholang mo go ena, nomoro ya go nna jalo gongwe letshwao le le sentsweng gongwe le dirilwe setshwano gongwe le emiseditswe, fetotswe, gagotswe gongwe e e nang le sengwe se se tsentsweng.
Setshwantsho sa laesense ya go kgweetsa
Ga gona motho ope yo o tla-
a senyang gongwe a dira setshwano gongwe, ka maikaelelo a go tsietsa, a emisetsa, fetola, gongwe a gagola gongwe go tsenya sepe fela mo setifikeiting, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le rebotsweng gongwe le le lemogwang go ya ka Molao ono; gongwe b tsholang mo go ena, setifikeiti sa go nna jalo, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le sentsweng gongwe le dirilwe setshwano gongwe le emiseditswe, fetotswe, gagotswe gongwe e e nang le sengwe se se tsentsweng.
Ga gona motho ope yo o tla-
a dirisang setifikeiti, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le le rebotsweng gongwe le lemogwa go ya ka Molao ono fa e seng mong wa lona; gongwe b letlang gore setifikeiti sa go nna jalo, laesense gongwe lekwalo lengwe fela le ena e leng mong wa lona, le dirisiwe ke motho yo mongwe fela.
Ga gona motho ope yo o tla-
a reng ka maikaelelo a go tsietsa, senya, emisetsa, fetola, ripitla, tsenya sepe gongwe go tlosa sepe go tswa moo gongwe go tshwenyana le nomoro ya enjene gongwe tšhesi ya serori; gongwe b reng, ntle le lebaka le le mo molaong, a tshole serori se nomoro ya sona ya enjene gongwe tšhesi e sentsweng, emiseditsweng, fetotsweng, ripitlilweng gongwe e e tsentsweng sengwe fela, gongwe go tlositsweng sengwe mo go yona, gongwe e tshwentswe ka mokgwa mongwe fela.
Tiro
Lebelela buka ya tiro ya Mojule 3, tiro 5
Setshwantsho sa batho ba okometse enjene ya serori
TIRO
Tiro 1. Go siamela go kgweetsa
A: Dirisa lenaane la go tlhola le le fa tlase go bona gore a o ka supa batho ba ba ka ilediwang go tlhola ba amogela gongwe go tswelela go nna le laesense ya go ithuta go kgweetsa gongwe ya go kgweetsa:
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse. O ka lebelela Kgaolo III ya Molao wa Bosetšhaba wa Tsela fa o na le khopi.
Ee
Nnyaya
Motho yo o bogolo jo bo ka fa tlase ga dingwaga di le 18
Mokgweetsi wa serori yo laesense ya gagwe e beetsweng thoko ke kgotlatshekelo gongwe bothati jo bo nang le bokgoni fa peelothoko eo e sa ntse e dira.
Moo laesense ya go kgweetsa serori e khansetsweng ke bothati jo bo senang bokgoni.
Fa a na le bothata jwa bolwetse jo bo laolegang jwa mototwane
Go tlhaselwa ka bonako ke sedidi gongwe kidibalo ka ntlha ya bolwetse jwa madi a a kwa godimo gongwe sengwe fela
Pono e e sa tlhapang e e tlhomamisitsweng go ya ka seemo se se rebotsweng
Fa a tshwakgotswe ke tiriso ya seritibatsi sengwe se se tagang gongwe tiriso e e feteletseng ya tagi
Bosusu ntle le bogole bope gape mo mmeleng
Mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo mo e leng gore go tlhokega gore a tswalelwe, tlhokomelwe, laolwe le go alafiwa jaaka molwetse go ya ka Molao wa Boitekanelo (Molao wa bo18 wa ngwaga wa 1973)
O ka swetsa ka goreng kwa bokhutlong jwa tiragatso eno?
B: Motho yo o lemogang gore o ileditswe go nna le laesense ka ntlha ya lengwe la mabaka a a kailweng fa godimo a ka dirang?
Buisa ditsebe 18-19 tsa Molao.
Buisanang ka ga seno mo setlhopheng sa lona mme le dire pegelo mo phaposing.
Tiro 2. Go tlhoka go ikobela letshwao la tsela!
Setshwantsho sa serori sa setimamolelo le letshwao la tsela
Fa tiragalong eno o kgona go bona sentle gore mokgweetsi wa serori o ikgatholosa matshwao a tsela. Go na le tiragalo ya tshoganyetso mme tsela eo e khutshwane gongwe ke e e bonolo go gaisa go ya kwa lefelong le le šwang. A mokgweetsi o dira molato? Ke dikgato dife tse mokgweetsi wa serori a tshwanetseng go di diragatsa go lemosa batho ba ba kgweetsang ka lebaka la tshoganyetso?
Tiro 3. Dirisa lenaane la go tlhola le le fa tlase go bona gore a o ka kgona go supa:
Setshwantsho sa sejanaga se se amegileng mo kotsing ya tsela
Maikarabelo a mokgweetsi wa serori mo tseleng ya botlhe ka nako e serori sa go nna jalo se amegileng gongwe se nang le seabe mo kotsing epe fela e motho mongwe a tlhokafetseng gongwe a gobetse gongwe a senyegetswe ke dithoto gongwe diruiwa, e tla nna:
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse. O ka lebelela Kgaolo X, ya Molao
Ee
Nnyaya
Go tshaba go tswa kwa lefelong
Go ema ka gangwe fela le go lebelela mofuta le bogolo jwa dikgobalo tsa motho mongwe le mongwe;
Fa motho a gobetse, go mo tlamela ka thuso e a ka kgonang go mo tlamela ka yona;
Go lekanyetsa mofuta le bogolo jwa tshenyegelo e e leng gona;
Fa a tlhoka go dira jalo go motho mongwe yo o nang le mabaka a a utlwalang a go kopa jalo, a tlamele ka leina le aterese ya gagwe, leina le aterese ya mong wa serori se a neng a se kgweetsa, mme malebana le serori, kwadiso gongwe letshwao le le tshwanang nayo,
Fa a ise a tlamele ka tshedimosetso e e kailweng fa godimo go motlhankedi wa pharakano kwa lefelong la kotsi, ntle le fa e le gore ga a kgone go dira jalo ka ntlha ya dikgobalo tse a di boneng mo kotsing, o tshwanetse gore ka bonako jo bo ka kgonegang, le mo sebakeng sa diura di le 24 morago ga kotsi eo e sena go diragala, a bege kotsi eo kwa motlhankeding wa sepodisi kwa seteišeneng sa mapodisi gongwe kwa kantorong e e tlhomilweng ke bothati jo bo nang le bokgoni go dirisiwa ke motlhankedi wa pharakano, mme koo gona a tlhagise laesense ya gagwe ya go kgweetsa le go tlamela ka nomoro ya gagwe ya itshupo le tshedimosetso e e tlhalosiwang mo temeng eo; mme
A tlose serori sengwe le sengwe se se amegileng mo kotsing e motho yo mongwe a tlhokafetseng gongwe a gobetseng mo go yona, mo seemong se se emeng mo go sona, pele ga tshutiso eo e ka rebolwa ke motlhankedi yo o nang le tetla wa pharakano.
A tlose serori mo lefelong fa kotsi eo e baka kgoreletso mo tseleng ya botlhe go letla gore pharakano e kgone go elela.
Motho mongwe le mongwe fela yo o nang le karatšhe gongwe lefelo le dirori di baakanngwang kwa go lona, le yo dirori tse dingwe le tse dingwe tse di nang le matshwao a go amega mo kotsing di isiwang kwa go ena gore matshwao ao a baakanngwe, e tla re, ka bonako jo bo kgonegang, pele ga a simolola ka paakanyo, a beye direkoto tse di totobatsang mofuta wa matshwao ao, nomoro ya enjene, nomoro ya tšhesi le kwadiso gongwe letshwao le le tshwanang le nomoro, mme fa go itsewe, leina le aterese ya mong le mokgweetsi wa serori seo.
Motho yo o tlhokang go tshola rekoto, o tla tshola rekoto eo sebaka sa dingwaga di le tharo go tloga ka letlha le e dirilweng ka lona, mme rekoto nngwe le nngwe ya go nna jalo, e tla newa motlhankedi wa pharakano fa a e kopa.
Tiro 3: Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Setshwantsho sa serori se se amegileng mo kotsing ya tsela
Kgetse ya thutopatlisiso
Mo setshwantshong se e bontshitsweng fa godimo, go tlhokafetse batho ba le bararo. Bafalodi ba bangwe ba nnile le dikgobalo tse di masisi mme ba amogelwa kwa sepetlele.
Bafalodi ba na le ditshiamelo dife?
Baikaegi ba baswi ba na le ditshiamelo dife?
Ba tshwanetse go latela dithulaganyo dife go fitlhelela matlole ano?
Tiro 5: Ditiro tse di seng mo molaong malebana le dinomoropolata tsa kwadiso, dinomoro tsa kwadiso, matshwao a kwadiso gongwe makwalo mangwe.
Mokgweetsi o emisitswe mo maparegong a tsela mme ga dirwa ditlhotlhomiso tsa nako eo. Enjene e kgotlhakgotlhilwe fela mokgweetsi o ne a sa itse ka ga seo. A o na le molato wa bosenyi? Tlhalosa.
Setshwantsho sa batho ba ya kwa thekesing le letshwao la tsela le letshwao la TETA
YUNITI ENO E KA GA ENG?
Mo yuniting eno re tla lebelela Letlole la Dikotsi tsa Tsela le go ranola dipalopalo tse di tla re lemosang gore go diragala eng ngwaga mongwe le mongwe mo ditseleng tsa rona gammogo le bokao jwa seno mo tikologong ya ikonomi ya loago. Pabalesego mo tseleng ke kgang ya botlhokwa mo nageng ya rona malatsing ano ka ntlha ya fa ditsela tsa rona di fetogile go nna dirai tsa dintsho mme dipalo tsa dintsho di tsweletse go oketsega ngwaga mongwe le mongwe. Puso ya rona e na le maikarabelo a go supa le go fedisa dintlha tse di bonalang e le tsona di bakang mathata a etegetsang dipalopalo tse di golang tsa batswasetlhabelo mo ditseleng tsa rona. Lefapha la dipalangwa le dirile maiteko a go oketsa pabalesego mo ditseleng tsa rona moo go nnang le dipatlisiso tsa gore go supiwe ditlapele tse di tlhokang go tseelwa dikgato ka gangwe fela.
Go batlisisa ditlapele tse di tlhokang go tseelwa dikgato ka:
Selebo sa Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Go lebelela dipalopalo tsa letsholo la Goroga o Tshela tsa 2001
Bapagami jaaka batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela
Melato/mekgweleo ya bapagami
Maano le maiteko a tsereganyo malebana le pabalesego mo tseleng
Thulaganyo ya go dira kopo ya tleleimi
Selebo sa Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Letlole la Dikotsi tsa Tsela ke setheo sa setšhaba, se se diretsweng go duela batho ba ba gobetseng mo dikotsing tsa tsela gongwe baikaegi ba batho ba ba tlhokafaletseng mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya kgweetso e e botlhaswa ya dirori mo Aforika Borwa.
Tleleimi e dirwa mo foromong ya tleleimi e e rebotsweng semolao (Foromo 1), e e tlamelang ka tshedimosetso ya ntlha ka ga motho yo o dirang tleleimi, dirori le batho ba ba amegileng mo thulanong, letlha le lefelo la kotsi gammogo le ditlhotlhwa.
Go itsesewe ga lekgethwana la dituki la Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Motsheganong 1986
Puso e itsese inšorense ya dirori
E tsamaisiwa ke ditlamo tsa inšorense tsa lephata la poraefete
Dituelo tse di kwa tlase - mathata a botšhoni
Letlole la dikotsi tsa dirori
Mekgatlho ya ditlamo tsa inšorense
Go rekiwa dipaletlana ka seelo se se lekanang mo seroring se sengwe le se sengwe
Batho ba le bantsi ga ba ke ba reka dipapetlana mme ka jalo ba nna ba sena inšorense
Puso e itsese lekgethwana la dituki mme e tlhama Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Seabe sa bogakolodi jwa inšorense se a fokodiwa mme ditleleimi di sekasekwa ke letlole ka bolona
Puso e tlhoma lekgethwana la peterolo mme e ka baakanya molao.
Athikele mo kuranteng ya Citizen; Laboraro 3 Mopitlwe
Ka la 7 Moranang, lekgethwana la dituki le tla oketsega ka 10c/letara, mme lekgethwana la letlole la dikotsi tsa tsela ka 5c/letara.
Dipalopalo tsa letsholo la Goroga o Tshela ka Sedimonthole 2001
Fa tlase fano go bontshiwa dipalopalo go tswa kwa letsholong la Goroga o Tshela la 2001/2002. Puo ya Tona ya Dipalangwa malebana le dipalopalo tseno e ka fitlhelwa kwa Lefapha la Dipalangwa - Goroga o Tshela 2001/2002
Palo ya dikotsi tse di tsereng matshelo
Palogotlhe ya dikotsi tse di tsereng matshelo mo pakeng ya malatsi a boikhutso ya Sedimonthole 2000 le Sedimonthole 2001, e e ikaegileng ka dikotsi tse di begilweng le "tse di sa begwang" di sobokantswe mo lenaaneng le le fa tlase;
Kgwedi
Dikotsi tse di begilweng
Dikotsi tse di sa begwang
Palogotlhe ya Dikotsi tse di tsereng matshelo
Sedimonthole 2000
Sedimonthole 2001
Phetogo
Dipalopalo tse di Sobokantsweng tsa Porofense:
Diporofense tsotlhe, ntle le porofense ya Mpumalanga di nnile le phokotsego ya dikotsi tse di tsereng matshelo, mme porofense ya Kapa Bokone yona e nnile le phokotsego e kgolo go gaisa.
Porofense
Phetogo
Phetogo ka %
Kapa Bophirima
Kapa Botlhaba
Mpumalanga
Bokone Bophirima
Porofense ya Bokone
Kapa Bokone
Palogotlhe
Mefuta ya Dikotsi:
Dikotsi tse di amang batsamaya ka dinao
Mofuta o o kwa godimo wa dikotsi e nnile dikotsi tsa batsamaya ka dinao; palogotlhe ya dikotsi tse di tsereng matshelo di le 199, tse e leng bokana ka 32,3% ya dikotsi tsotlhe tsa kgwedi ya Sedimonthole 2001, mme di bakile dintsho tsa batsamaya ka dinao ba le 274. Ke sa ntse gape ke rata go tlhagisa go tshwenyega ga me tebang le palo e e kwa godimo ya batsamaya ka dinao ba ba swang mo ditseleng tsa rona letsatsi le letsatsi. Mmogo, Puso le baagi re tshwanetse go tiisa matsholo a rona a pabalesego ya batsamaya ka dinao go itebaganya le bothata jono. Ke tla leka go le amela ka ditsereganyo dingwe tse re tla bong re tsenya tirisong fa ke tla bo ke tlhagisa pegelo ya me.
Le gale, ntle le matshwenyego ano a a tlhokegang, malebana le palo ya batsamaya ka dinao ba ba tlhokafetseng, palo ya dikotsi tsa batsamaya ka dinao e fokotsegile ka 77 gongwe 27,9% fa go tshwantshanngwa le Sedimonthole wa 2000. Ka Sedimonthole wa 2000, palogotlhe ya dikotsi tsa batsamaya ka dinao di le 276 e bakile dintsho tsa batsamaya ka dinao ba le 336.
Dintsho tsa batsamaya ka dinao di fokotsegile ka 62 gongwe 18,5%. Jaaka o kgona go iponela, go na le tswelelo pele fela re tshwanetse go dira botoka go gaisa fano.
Dirori tse di pitikologileng di le nosi
Mofuta wa bobedi o o kwa godimo go gaisa, e leng dirori tse di pitikologang di le nosi, o fokotsegile ka 1 e e ranolegang go nna fela 0,68% go tswa go 146 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 145 ka Sedimonthole wa 2001. Le gale palo ya dintsho go tswa mo mofuteng ono wa kotsi e oketsegile ka 23, e leng 11,0% go tswa go 209 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 232 ka Sedimonthole wa 2001. Ke tlhoka go gatelela gape gore kotsi ya Lelapa la ga Chego e amile thata karolo ya mofuta ono wa kotsi. Fa kotsi eo e ne e sa diragala, re ka bo re na le pegelo e e farologaneng.
Seelo sa dintsho sa dirori tse di pitikologileng di le nosi se oketsegile ka 11,8% go tswa go 1,43 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 1,60 ka Sedimonthole wa 2001. Koketsego eno e ka ne e bakilwe ke:
dikotsi tse di diragalang ka lebelelo le le kwa godimo (go raya gore, koketsego mo lebelong le le dirisiwang);
seelo se se kwa tlase sa go tsenya lebanta la pabalesego;
dirori di le dintsi tse di pegang bapagami ba le bantsi di amega mo dikotsing;
mme gape le kotsi ya Lelapa la ga Chego.
Dikotsi tsa dirori tse di thulanang ka dinko
Mofuta wa boraro o o kwa godimo go gaisa wa dikotsi tse di tsayang matshelo, e leng wa dikotsi tsa dirori tse di thulanang ka dinko, o oketsegile ka 3 gongwe 5,0 go tswa go 60 ka Sedimonthole wa 200 go ya go 63 ka Sedimonthole wa 2001. Le gale, go nnile le go wela tlase ga dintsho ka 26 (19,4%) go tloga go 134 ka Sedimonthole wa 2000 go ya go 108 ka Sedimonthole wa 2001.
Seelo se se kwa godimo sa dintsho: 2,2 (go kaiwa fano palo ya batho ba ba tlhokafetseng mo kotsing nngwe le nngwe) e nnile ya dikgotlhano mo matlhakoreng go lebilwe ntlheng e le nngwe. Seelo seno le sona se oketsegile ka 10,0%. Seelo sa dikotsi tsa dirori tse di thulanang ka dinko le sona se fokotsegile ka 23,2%.
Palo le Mefuta ya Dirori tse di amegileng mo Dikotsing tse di tsereng matshelo
Dipoelo tsa dirori tse di amegileng mo dikotsing tse di tsereng matshelo ka Sedimonthole wa 2001, di ka sobokanngwa jaana:
Mofuta wa serori
Palo ya Dirori
Peresente ya palogotlhe
Motorokara
Khombi
Thekesi ya khombi
Dibene
Bese
Lori
Dipoelo tsa dirori tse di amegileng mo dikotsing tse di tsereng matshelo ka Sedimonthole wa 2001, di ka sobokanngwa jaana:
Mofuta wa serori
Palo ya Dirori
Peresente ya palogotlhe
Motorokara
Khombi
Thekesi ya khombi
Dibene
Bese
Lori
Dikotsi tse di tsereng matshelo go ya ka Letsatsi la Beke le Nako ya Letsatsi
Bontsi jwa dikotsi bo diragetse magareng ga 18:00 le 23:00 mo maitseboeng. Dikotsi tsa moso o mogolo, fela morago ga bosigogare (00:00 go ya go 01:00) di oketsegile ka go feta 100%. Fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng, dikotsi tse di fetang bokana ka 60%, di diragetse ka boLabotlhano, Lamatlhatso le Sontaga. Kapa Bokone ga e a nna le dikotsi dipe ka boLabone mo kgweding yotlhe ya Sedimonthole wa 2001. Tiragalo ya dikotsi go ya ka malatsi a beke le nako ya letsatsi e latetse ona mokgwa wa dingwaga tse di fetileng. Le gale, diperesente tsa dikotsi tsa "mafelo a beke" di oketsegile go tswa go 33,63% go ya go 38,15%.
Ditshenyegelo tse di bakwang ke Dikotsi
Ditshenyegelo tse di bakwang ke dikotsi di wetse tlase ka R56,72m gongwe 13,2% go tswa go ditshenyegelo tsa bokana ka R431,46m ka Sedimonthole wa 2000 go ya go ditshenyegelo tsa bokana ka R374,74m ka Sedimonthole wa 2001.
Ditshenyegelo tse di tlhakanyeditsweng ka dimilione tsa Diranta tsa dikotsi tsa tsela mo pakeng ya malatsi a boikhutso ya Sedimonthole wa 2000 le Sedimonthole wa 2001 di a latela:
Porofense
Sedimonthole 2000
Sedimonthole 2001
Phetogo
Kapa Bophirima
Kapa Botlhaba
Mpumalanga
Bokone Bophirima
Porofense ya Bokone
Kapa Bokone
Aforika Borwa
Ditshenyegelo tsotlhe tse di tswang mo Letloleng la Goroga o Tshela, le le etleeditsweng ke Letlole la Dikotsi tsa Tsela (RAF) mo pakeng ya Sedimonthole wa 2001 di tla nna gona fela go ya kwa bogareng jwa Tlhakole wa 2002.
Bapagami jaaka batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela
Ditlamorago tsa dikotsi
DIKOTSI MO DITSELENG TSA AFORIKA BORWA
Ba ba gobetseng
Ba ba tlhokafetseng
TIRO
Ke ngwaga ofe o re nnileng le palo e e kwa godimo go gaisa ya dikotsi mo go ona? ...
Ke batho ba le kae ba ba tlhokafetseng le go gobala mo ngwageng oo?...
Naya palogare ya palo ya batho ba ba tlhokafetseng mo pakeng e e tlhagisitsweng mo lenaaneng ...
Kerafe e e latelang e naya tshedimosetso ya ditlhopha tsa batho tsa bapagami ba ba tlhokafetseng gongwe ba ba gobetseng mo Aforika Borwa go tlhoga ka 1990-1998
Tiro: Araba dipotso tse di latelang tse di ikaegileng ka kerafe
Ke setlhopha sefe sa batho se se nnileng le batswasetlhabelo ba bantsi mo pakeng eno? ...
Ke setlhopha sefe sa batho se se nnileng le batswasetlhabelo ba bobedi ba bantsi go gaisa mo go yona paka eo? ...
Ke mabaka a feng a o bonang a ka ne a bakile palo e e kwa godimo ya batswasetlhabelo mo go 1 le 2?...
Naya % ya batswasetlhabelo ba dikotsi ba Bantsho mo ngwageng wa 1996 ...
Tlhalosa ditlamorago tsa dikotsi mo:
Supa le go kwala ditlapele malebana le maiteko a pabalesego mo tseleng.
Seabe sa Indaseteri ya Dithekesi e tshwanetse go nna sefe malebana le go tshegetsa maiteko a pabalesego mo tseleng?
Thadisa posetara e e tla rotloetsang temogo ya pabalesego ya botlhe ba ba nang le seabe mo ditseleng tsa kgaolo ya SADC.
Lebelela dintlha tse di latelang tse di malebana le dikgato tsa tsereganyo tsa pabalesego mo tseleng. Lebelela lekwalo le le malebana le Maiteko a Pabalesego mo Tseleng.
Selekanyo sa tagi
Tsamaiso ya letsapa
Katiso gape/ go lekwa gape ga bakgweetsi morago ga go tshwarelwa diphoso tse di masisi/ go sekegiwa ga laesense
Setšhaba Pabalesego ya batsamaya ka dinao le bapagami
Lephata la puso ya porofense, selegae
Diforamo tsa baagi tsa pabalesego ya mo tseleng
Tšhata ya bapagami
Bapagami = setlhopha sa bobedi se segolo go gaisa sa batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela.
Mo tsamaisong ya rona ya ga jaana: Molato o fetela le kwa bapagaming ba serori se se rweleng maikarabelo a kotsi
Seno se kaya eng? Tota re na le dikarolo di le pedi tsa bapagami:
Bapagami ba dithekesi: ngwaga wa ditšhelete wa 1998-1999
Ditleleimi tse di feditsweng
Bapagami ba dithekesi
Dituelo
% e e nnileng le ditshiamelo tsa
% Ba bangwe
% Bantsho
Ditshiamelo tse di lekanyeditsweng
Bontsi jwa bapagami ba dikhombi tsa dithekesi e ne e le Bantsho mme ditleleimi tsa bona di ne di lekanyeditswe go R25 000.
Go ya ka seemo sa ikonomi ya loago, bapagami ba ne ba le mo seemong se se maswe go gaisa batswasetlhabelo ba bakgweetsi. Bontsi bo ne bo dira mo maphateng a e seng a semmuso mme letseno la bona le ne le le kwa tlase thata go na le la bakgweetsi ba dithekesi. Go totobetse gore bapagami ba dithekesi e ne e le setlhopha se se neng se sena ditshiamelo go gaisa mo batswasetlhabelong ba dikotsi tsa tsela. Palogare ya letseno la kgwedi ke R1 500 (go ya ka boleng jwa 1998).
Thulaganyo ya go tsenya tleleimi
Ke mang yo o nang le tshimaelo ya go tsenya tleleimi?
Motho yo o gobetseng ka boena (ntle le mokgweetsi yo e leng ene a bakileng kotsi).
Moikaegi wa motswasetlhabelo yo o tlhokafetseng.
Mongwe wa lesika la moswi malebana le ditsheneyegelo tsa phitlho.
Motsadi gongwe motlhokomedi wa semolao o tshwanetse go thusa motho yo o tsenyang tleleimi mme a le ka fa tlase a dingwaga di le 21.
Lebelela karolo ya Thulaganyo ya go tsenya tleleimi go bona tshedimosetso ka botlalo malebana le go tsenya tleleimi.
Go tsaya sebaka se se kana kang go tsamaisa tleleimi?
Mmueledi a ka rebola disamonse morago ga sebaka sa malatsi a le 120 se sena go feta fa e sale go tsentswe tleleimi. Seno se naya motho yo o dirang ka tleleimi malatsi a le 120 go ka swetsa patlisiso.
Fa Letlole la Dikotsi tsa Tsela le newa disamonse, motho yo o dirang ka ditleleimi gantsi o kopa paka go atolosediwa paka e e letleletsweng gore a kgone go tsenya kopo ya go itshireletsa.. Nako eno e tla dirisediwa go bona gore a tleleimi e ka seke ya duelwa ntle le gore go iwe kgotlatshekelo. Le gale go mo mmueleding go rebola katoloso ya go nna jalo.
Thulaganyo ya go tsenya tleleimi ke efe?
Tleleimi e dirwa mo foromo ya tleleimi e e rebotsweng semolao (Foromo 1), e e tlamelang ka tshedimosetso ya ntlha ka ga motho yo o dirang tleleimi, dirori le batho ba ba amegileng mo thulanong, letlha le lefelo la kotsi gammogo le ditlhotlhwa tsa tleleimi. Gape e na le pegelo ya bongaka ya ngaka e e alafang. Foromo ya tleleimi e patiwa ke pego e e ikanetsweng e e tlhalosang dintlha ka botlalo malebana le kotsi, dipolelo tsa dipaki, dipegelo tsa sepodisi, direkoto tsa sepetlele le tsa bongaka, gammogo le dirasiti le makwalo a a tshegetsang ditlhotlhwa tsa tleleimi.
Bakgweetsi ba dirori tse di amegileng mo thulanong ba tshwanetse go tlamela Letlole la Dikotsi tsa Tsela ka dintlha tsa kotsi mo foromong ya semolao ya pegelo ya kotsi (Foromo 3) gammogo le tshedimosetso ya dipaki, e Letlole la Dikotsi tsa Tsela le ka e kopang.
Fa tleleimi e setse e tlhagisitswe, Letlole la Dikotsi tsa Tsela le e kwadisa mo tsamaisong ya lona ya ditleleimi mme le simolole go dira dipatlisiso. Letlole la Dikotsi tsa Tsela le swetsa gore a tleleimi ke ya boammaaruri (go raya gore, a go ne go na le kotsi ya tsela, a e ikobela ditlamelo tsa molao, a e tlhagisitswe ka nako j.j.) le gore a kgetsi e na le boleng (go raya gore, seelo sa molato, molato gongwe botlhaswa go lebeletswe bakgweetsi ba dirori gammogo le motho yo o tsentseng tleleimi). Go swediwa gape ka boleng (go raya gore, seelo sa ditshenyegelo gongwe ditatlhegelo).
Fa tleleimi e sa felela, Letlole la Dikotsi tsa Tsela le kopa tshedimosetso ya tlaleletso le makwalo a tshegetso go le kgontsha go sekaseka morero botoka.
Tlatsa foromo
Saena foromo
Posa/Romela foromo kwa lekaleng le le gaufi nao la Letlole la Dikotsi tsa Tsela
Ela tlhoko gore:
Letlole la Dikotsi tsa Tsela le tlhoka foromo ya tshimologo. Fa o romela foromo ka fekese, o tshwanetse go romela ya tshimologo kwa Letloleng la Dikotsi tsa Tsela
Foromo ga e a tshwanela go romelwa ka poso ya eleketoroniki
Ke maikarabelo a gago go netefatsa gore foromo e fitlhelela Letlole la Dikotsi tsa Tsela. Letlole la Dikotsi tsa Tsela le ka seke la supiwa ka monwana fa diforomo tse di rometsweng ka poso gongwe di neeleditswe motho wa boraro, di sa goroge kwa Letloleng la Dikotsi tsa Tsela.
Gakologelwa gore tleleimi e tshwanetse go tsenngwa kwa Letloleng la Dikotsi tsa Tsela mo pakeng e e beilweng (lebelela karolo "Paka ya go dira tleleimi" mo Pampitshaneng ya Dintlha mo setsheng seno sa Inthanete)
FOROMO 1
TLELEIMI YA TUELO LE PEGELO YA BONGAKA
DIKAROLO 171 A LE 241A TSA MOLAO WA BO56 WA NGWAGA WA 1996 LE MOLAWANA 31 WA MELAWANA E E KA FA TLASE GA MOLAO.
DINTLHANA:
Go tshwanetse ga tladiwa le go tlhagisa foromo e e farologaneng malebana le motho mongwe le mongwe yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng yo e leng gore go diriwa tleleimi ya tuelo ya dikgobalo tsa mmele gongwe leso.
Gore Letlole le kgone go lebelela tleleimi ka bonako, go botlhokwa gore foromo eno e patiwe ke dirasiti le dikanego tse di tlhokegang tsa tshegetso mme mo mabakeng a ntlha ya 8 ya foromo eno, go ka nna botoka tota gore o-
a. manege dipegelo tsotlhe tsa kalafi le molao tse motho yo o dirang tleleimi a nang natso; mme b. o supe, malebana le tleleimi ya go latlhegelwa ke letseno la isago, mo polelong e e farologaneng gore tatlhegelo eo e tlhakanyeditswe jang.
Tetlelelo e e kwadilweng ya tlhatlhobo e e ka diriwang ke, gongwe mongwe mo boemong jwa Letlole, ya direkoto tsotlhe tse di malebana le motho yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng tse di ka neng di tshotswe ke sepetlele gongwe ngaka e tshwanetse go pata foromo eno.
iv. Dintlha 1 go ya go 5 tsa foromo eno di tshwanetse go tladiwa pele ga foromo eno e ka romelwa kwa ngakeng gore e tlatse pegelo ya bongaka.
v. Moo go nang le mabokosowana a a dirisediwang go araba potso, baya letshwao la sefapaano mo bokoswaneng e e maleba.
MOTHO YO O TSENYANG TLELEIMI:
a i Leina ka botlalo le aterese ya motho yo o tsenyang tleleimi ...ii Boagi ...
iii Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la Mosepele...
iv Nomoro ya mogala: Legae ... Tiro ...
b Fa motho yo o tsenyang tleleimi e le moemedi mo boemong jwa motho yo mongwe, tlhalosa-
i Seemo se motho yo o tsenyang tleleimi a leng mo go sona ...
ii Maina ka botlalo le aterese ya motho yo go tsenngwang tleleimi ya tuelo mo boemong jwa gagwe ...
iii Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la mosepele ya motho wa go nna jalo ...
iv Kamano ya motho yo o tsenyang tleleimi le motho wa go nna jalo ...
Foromo eno e tshwanetse go patiwa ke difotokopi tsa makwaloitshupo/makwalo a mosepele a a maleba gammogo le ditifikeiti tsa botsalo le lenyalo, fela jaaka go tla bo go le maleba
DINTLHA TSA SERORI SE E LENG GORE TLELEIMI ENO E BAKILWE KE GO KGWEEDIWA GA SONA:
a Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso ... i Mofuta ... ii Mofuta wa mmele ...
b Leina le aterese ya mong ka nako ya kotsi ...
c Leina le aterese ya mokgweetsi ka nako ya kotsi ...
d Fa go sa itsewe mong gongwe mokgweetsi, tlhalosa -
i Tshedimosetso nngwe fela ya tlaleletso malebana le serori ...
ii Go tserwe dikgato dife go batlisisa gore mong wa serori ke mang ...
Mametlelela polelo e e farologaneng fa go tlhokega
DINTLHA KA GA KOTSI:
a. Letlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . (b) Nako .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (c) Lefelo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
d Seteišene sa mapodisi se go begilweng kwa go sona le nomoro ya tshupetso ya sepodisi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
e Mametlelela pego e e ikanetsweng e tshegediwa ke thadiso ya lefelo la kotsi e e tlhagisang dintlha tsa kotsi ka botlalo.
f Mametlelela dikhopi tsa dipolelo tsotlhe tse di teng go akarediwa le bosupi jwa ba ba boneng ka matlho le dikwalo tsotlhe go akarediwa pegelo ya kotsi le leano la sepodisi.
DINTLHA TSA DIRORI TSE DINGWE TSE DI AMEGILENG MO KOTSING:
a. Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
b. (i) Leina la mong ka nako ya kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
c. (i) Leina la mokgweetsi ka nako ya kotsi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
Fa go amegile dirori tse dingwe tse di fetang pedi, dintlha di tshwanetse go tlhalosiwa mo polelong e e farologaneng le foromo eno.
DINTLHA TSA BATHO BA BA GOBETSENG GONGWE BA BA TLHOKAFETSENG:
a. Leina ka botlalo le aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
b. Nomoroitshupo/ ya Lekwalo la Mosepele.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (c) Bong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (d) Letlha la matsalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
e Seemo sa nyalo ka nako ya kotsi: ga a ise a nyalwe nyetswe tlhadilwe motlholagadi/moswagadi f Fa e le gore o nyetswe: ka tlhakanelo ya dithoto ntle le tlhakanelo ya dithoto lenyalo la setso g Kgwebo gongwe tiro .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
h Ka nako ya kotsi, a motho yo o ne a le mo go nngwe ya dirori tse di tlhalositsweng mo ntlhaneng ya 2 gongwe ntlhana ya 4? EE NNYAYA
i Fa karabo e le EE, tlhalosa: i Ditlhaka le dinomoro tsa kwadiso tsa serori.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . ; le ii gore a e ne e le mopagami gongwe mokgweetsi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
j Fa motho e ne e se mopagami gongwe mokgweetsi mo nngweng ya dirori tse di tlhalositsweng mo ntlhaneng ya 2 gongwe 4, i o ne a tsamaya ka eng? .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
k Leina le aterese ya ngaka ya ka gale.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
l Leina le aterese ya ngaka e e mmoneng morago ga kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
m i O amogetse kalafi kwa sepetlele gongwe lefelong lefe la tlhokomelo morago ga kotsi? .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
ii Sebaka se se kae e le molwetse yo o robaditsweng go tloga .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. go ya go .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
le/gongwe molwetse yo o sa robadiwang (go tloga .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . go ya go .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..)?
iii Karoganyo mo mabakeng a dipetlele: molwetse wa sepetlele molwetse wa poraefete n A o ne a na le mathata mangwe a mmele gongwe bokoa mo pakeng ya pele ga kotsi? EE NNYAYA
o Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
p i Leina le aterese ya mothapi ka letlha la kotsi fa go na le bathapi ba ba fetang bongwe, tlhagisa maina le diaterese tsa bona botlhe.. .. .. .. .. .. ... .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
iii Letlha la go boela tirong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
q A o gobetse gongwe go tlhokafala mo pakeng ya gagwe ya go dira? EE NNYAYA
r Tlhagisa letseno la gagwe la dikgwedi tse 12 tsa pele ga kotsi e diragala -
j go tswa mo tirong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
ii go tswa ko motsweding mongwe fela o mongwe tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
FA MOTHO YO O KAILWENG MO NTLHANENG YA 5 A TLHOKAFETSE, GO TLHOKEGA TSHEDIMOSETSO E E LATELANG YA TLALELETSO MABAPI LE MOTHO WA GO NNA:
a. Lefelo le a tlhokafaletseng kwa go lona .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (b) Letlha la go tlhokafala .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
c A go itsewe gore a go nnile le ditlhotlhomiso? EE NNYAYA
d Fa go itsewe, tlhalosa gore kwa kgotlatshekelo efe.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
le nomoro ya tshupetso.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. (mametlelela khopi ya rekoto e e maleba ya tlhotlhomiso fa e le gona).
e Leina le aterese ya motsamaisi wa boswa jwa moswi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
FA MOTHO YO O KAILWENG MO NTLHANENG YA 5 A TLHOKAFETSE MME GO DIRWA KOPO YA TLHATSWADIATLA KE, GONGWE MO BOEMONG JWA MOKAEGI WA MOTHO YOO, GO TLHOKEGA TSHEDIMOSETSO E E LATELANG MALEBANA LE MOKAEGI WA GO NNA JALO. (Fa tleleimi ya tuelo ya tlhatswadiatla e dirwa ke, gongwe mo boemong jwa baikaegi ba feta bongwe, tshedimosetso e e tlhokegang mo temeng eno malebana le mongwe le mongwe wa baikaegi e tshwanetse go tlhalosiwa mo polelong e e farologaneng, e e tshwanetseng go manegiwa mo foromong eno.)
a. Maina ka botlalo le aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
b. Nomoroitshupo/ya Lekwalo la Mosepele .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
c. Bong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . (d) Letlha la matsalo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
e Kamano le moswi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
i A o na le mathata mangwe a mmele gongwe bokoa mo pakeng ya pele ga kotsi? EE NNYAYA
j Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Maina le aterese ya mothapi ka letlha la kotsi le sebaka se a neng a thapilwe ke mothapi wa go nna jalo (fa e le bathapi ba feta bongwe, tlhagisa maina le diaterese tsa botlhe) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
l Tlhagisa letseno la gagwe la dikgwedi di le 12 pele ga kotsi -
j go tswa mo tirong .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
ii go tswa mo motsweding mongwe fela gape tlhalosa dintlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
m Dintlha le boleng jwa boswa bope fela gongwe ditshiamelo tse di amogetsweng go tswa kwa bosweng jwa moswi gongwe di tswa go tswa ka motsweding mongwe fela ka ntlha ya leso la motho yo o kailweng mo ntlhaneng ya 5, ntle le tšhelete ya inšorense gongwe ya phenšene.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
TUELO YA TLHATSWADIATLA E GO DIRILWENG TLELEIMI YA TENG:
Go tshwanetse ga ntshiwa dintlha tse di tlhamaletseng malebana le dintlhana tse di latelang mme di tshwanetse go tshegediwa ke ditshupo fa go kgonagala. Fa go tlhokega, tshedimosetso e e tlhokegang mo ntlhaneng eno e ka tlhagisiwa mo polelong e e farologaneng e e saenilweng le go mametlelelwa mo foromong eno. [Lebelela gape Ela Tlhoko ii mo foromong e e fa godimo.]
Ntlha Bokana a. Ditshenyegelo tsa sepetlele (dipetlele tsa porofense) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
b. Ditshenyegelo tsa sepetlele (dipetlele tse dingwe).. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
c. Ditshenyegelo tsa kalafi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
d. Dtshenyegelo tse di fopholediwang tsa kalafi mo isagong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
e. Tatlhegelo ya letseno/ tshegetso go tloga ka letlha la kotsi go fitlha ka letlha leno.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
f. Tatlhegelo e e fopholediwang ya letseno/tshegetso mo isagong.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
g. Ditshenyegelo tsa phitlho.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
h. Tshenyego ka kakaretso (ditlhabi le tshotlego, bogole jwa leruri, j.j.,) .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Palogotlhe .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . R.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
FA MOTHO YO O KAILWENG MO NTLHENG YA 5 A TLHOKAFETSE GONGWE GO GOBALA A NE A LE MO TIRONG, TLHALOSA:
a Gore a motho yo o dirang tleleimi o na le tshiamelo ya tuelo ya tlhatswadiatla ka fa tlase ga Molao wa 1993 wa Tuelo ya Tlhatswadiatla ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong EE NNYAYA
b Fa motho yo o dirang tleleimi a setse a duetswe go ya ka Molao wa 1993 wa Tuelo ya Tlhatswadiatla ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong, tlhagisa bokalo jo bo amogetsweng.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
Ka go riana ke ikana gore go ya ka kitso le tumelo ya me, tshedimosetso e e tlhagisitsweng mo foromong eno ke nnete mme e nepagetse gotlhelele..
E saenilwe kwa .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. . ka letsatsi leno .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. la .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Jaaka dipaki:
.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ... Mosaeno wa motho o o tlhagisang tleleimi (yo o kailweng mo ntlheng ya 1) gongwe moemedi yo o letleletsweng. (Fa e le wa bofelo, bosupi jo bo kwadileng jwa gore o letleletswe go ema jaaka moemedi wa semolao wa motho yo o tlhagisang tleleimi bo tshwanetse go tla le foromo eno.)
PEGELO YA KALAFI
DINTLHANA:
Kgaolo 24 (a) e e dira tlamelo ya gore pegelo eno e tla tladiwa ke ngaka e e alafileng mogobadi gongwe moswi ka ntlha ya dikgobalo tsa mmele tse a di boneng mo kotsing e e bakileng tleleimi eno gongwe supurinthendente (gongwe moemedi wa gagwe) wa sepetlele se mogobadi gongwe moswi a alafetsweng dikgobalo tseo tsa mmele kwa go sona.
Mo go tlametsweng ka mabokoso a go araba dipotso, tshwaya sefapaano mo bokosong e e maleba.
(a) Leina la motho yo pegelo eno e amanang nae.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
b A o kgotsofetse gore motho yono ke ena yo o kailweng mo ntlheng ya 5 ya foromo ya go tlhagisa tleleimi? EE NNYAYA
Letlha le a bonweng ka lona la ntlha morago ga kotsi.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
A o ne o kile wa mo alafa pele ga kotsi? EE NNYAYA
Fa karabo e le EE, tlhagisa letlha la kalafi eo ya bofelo le mofuta wa bolwetse .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Dikarolo tsa mmele tse di gobetseng le seelo sa dikgobalo:
Tlhogo Sehuba Molala Mpa Mokwatla Godimo Tlase Setlhana ditokololo ditokololo
Botlhoswana .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
Tseneletsenyana .. .. .. .. .. .. ..
Tseneletse .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
(a) Tlhagisa dintlha ka botlalo malebana le mofuta wa dikgobalo le marara ape fela (sekai, go robega dikgopo le go dutla madi mo mafatlheng, go robega motwane, go tswa mo setshwanong, jalo le jalo)
b Tlhalosa kalafi e a e neilweng go fitlha ga jaana .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
A go solofetswe kgolafalo ya leruri? EE NNYAYA
Fa karabo e le EE, tlhalosa dintlha ka botlalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Fa karabo e le NNYAYA, a seemo sa gagwe se tlhomame? .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
A o newa kalafi ke ngaka ya moitseanape? EE NNYAYA
Fa karabo e le EE, naya leina le aterese ya ngaka ya moitseanape.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
(a) A go bonelwa pele tlhokego ya kalafi ya bongaka mo isagong? EE NNYAYA
b Fa karabo e le EE:
i Kalafi eo e ka nna ya mofuta ofe mme gona e tla bo e le ya dikgobalo di fe.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
ii Letlha le le solofetsweng go dira seo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
iii Sebaka se se solofetsweng sa go dirwa ga seo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
iv Ditshenyegelo tse di abelelwang tsa go dira seo R .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
c A go bonelwa pele kgonagalo ya go robadiwa kwa sepetlele malebana le kalafi ya isago e e kailweng mo go a fa godimo? EE NNYAYA
d Fa karabo e le EE, tlhalosa:
i Letlha le le solofetsweng la go robadiwa kwa sepetlele go go kailweng .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
ii Sebaka se se solofetsweng sa teng.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
A dikgobalo di etegeditse bolwetse bope fela jo bo ntseng bo le gona? EE NNYAYA
A bolwetse joo jo bo ntseng bo le gona bo etegeditse ditlamorago tsa? EE NNYAYA
Fa karabo ya ntlha ya 9 gongwe 10 fa godimo e le EE, tlhagisa dintlha ka botlalo .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
A motho yo o nna fela wa sepetlele/ lefelo la tlhokomelo? EE NNYAYA
Fa karabo e le EE, tlhalosa:
a Leina le aterese ya sepetlele/ lefelo la tlhokomelo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
b Nomorotshupo ya sepetlele .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
c Letlha la go gololwa gongwe le go solofetsweng go gololwa ka lona.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Fa a ne a dira ka nako ya kotsi, tlhalosa gore go solofetswe gore a boele tirong leng .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
Malebana le loso,;tlhalosa:
a Letlha la leso .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
b A malwetse a a neng a ntse a le teng a nnile le seabe mo losong? EE NNYAYA
c Fa karabo e le EE, tlhagisa dintlha ka botlalo.. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Leina la ngaka .. .. .. .. .. .. .. Borutegi .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. ..
Aterese .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Mosaeno .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. Letlha .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .. .
Bapagami jaaka batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela:
Se o tshwanetseng go se dira kwa lefelong la kotsi
Rekota dintlha tse di latelang:
Maina ka botlalo, Dinomoroitshupo, diaterese (tsa tiro le tsa kwa gae), dinomoro tsa megala (tsa tiro le tsa kwa gae) le dinomoro tsa kwdiso tsa dirori tsa bakgweetsi botlhe, bapagami le dipaki
Tlhaloso ya dirori le bakgweetsi
Dintlha tsa batlhankedi ba sepodisi, pharakano le diemelense
Dintlha tsa badiri ba lori e e gogang
Maiteko a go supa seemo se dirori di emeng mo go sona ka matshwao mo tseleng (tšhoko, pente e e kgatshiwang, j.j)
Dikgato tse di tshwanetseng go tsewa morago ga kotsi:
Bega kotsi kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa ka gangwe fela
Bega kotsi kwa Letloleng la Dikotsi tsa Tsela
Fa kgetse e sa batlisisiwe ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, leka go bona dipolelo go tswa mo dipaking ka bonako jo bo ka kgonagalang
Leka go tsaya dinepe tsa lefelo la kotsi ka ntlha ya fa lefelo leo le ka fetoga
Leka go tsaya dinepe tsa ditshenyegelo tse di mo diroring le tsa dikgobalo, sekai, go kgoboga, borurugo, go senyega mmele
Thadisa setshwantsho sa lefelo la kotsi mme o netefatse gore se na le ntlha e e tsepameng gore se kgone go latedisisiwa
Netefatsa gore ngaka e e alafang e kwala rekoto ya maeto gongwe e tlamela ka tlhaloso ka botlalo, go akarediwa le kalafi - bogolo segolo fa e le gore kalafi ga e a rebolwa ke ngaka ya ka gale ya mogobadi.
Makwalo a o tshwanetseng go a tshola gongwe go a bona morago ga kotsi:
Pegelo ya kotsi ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAP 352) gongwe Pegelo ya Motlhankedi ya Kotsi (OAR)
Dipoleo tsa dipaki tse di tserweng ke Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa
Direkoto tsa sepetlele, bongaka le/gongwe tsa kalafi
Dintlha ka ga ditheo tsa bongaka gongwe dingaka
Diakhaonte tsotlhe tsa sepetlele le bongaka
Dintlha tse di ka ga tleleimi ditshenyegelo tsa dimateriale le dipoelo tsa tsona
DIKGAKOLO TSA GO KGWEETSA TSA MOKGATLHO WA AA
Fa o kgweetsa bosigo
Dikgakololo tsa maeto a maleele
Tlhokomela mokgweetsi yo mongwe
Sutela maitsholo a a botoka a mo tseleng
Ipofe: mabanta a pabalesego a boloka matshelo
Mataere a ka bolaya
Dikgakololo tsa botlhokwa
Fa o kgweetsa bosigo
Mokgatlho wa AA wa re ka ntlha ya go fokotsega ga pharakano, go diragala dikotsi di se kae fela fa go sena go phirima go na le motshegare, fela kelo ya dintsho yona e kwa godimo. Dintlha tse go le gantsi di amanngwang le dikotsi tsa bosigo ke letsapa, go tlhoka go tsepa maikutlo, go nwa tagi gammogo le pono e e sa tlhapang. Monagano le ona o dira ka bonya mme seno se bake go tsaya ditshwetso ka mogopolo o o seng mmogo gammogo le go nna bonya go tsiboga.
Morago ga go tswa mo lefelong le le nang le lesedi le le galalelang, go tsaya metsotso e ka nna 30 pele ga leitlho la motho le ka bona sentle bokana ka diperesente di le 80, le go fitlha go ura pele ga pono ya bosigo e ka nna sentle. Bagolo ba lekanyediwa go diperesente di le 20 ba na le pono e e sa tlhapang mo go kalo - e ka nna go tloga ka go bonela gaufi go go sa reng sepe go ya go go sa boneng fa go le bosigo. Bakgweetsi ba ba nang le mathata a go lapa matlho fa ba kgweetsa ba tshwanetse go bona ngaka gongwe ngaka ya matlho e e ka atlenegisang gore ba tile go kgweetsa bosigo gotlhelele.
Leka go tila go toma matlho mo sekgaleng se le sengwe fela gonne seno se lapisa matlho. Leba kwa le kwa gangwe le gape mme o lebelele kwa matlhakoreng a lefelo le le tshubilweng ke dipone tsa gago. Selo se se sa bonesiwang sentle se ka bonala botoka fa o ka leka go isa matlho kwa letlhakoreng la sona, gonne pono ya kwa ntle ga e amiwe thata ke lesedi le le fokolang go tshwana le ponogare.
O tshwanetse go fokotsa lebelo bosigo gore o seke wa kgweetsa go feta sekgala sa pono ya gago - go kaya gore, o tshwanetse gore o kgone go emisa mo seemong sengwe le sengwe, mo sekgaleng se se bonesitsweng ke dipone tsa gago mo tseleng. Ka jalo go kgweetsa ka dipone tse di sa bonaleng gongwe tse di ngotlilweng, go tlhoka gore go kgweediwe ka lebelo le le kwa tlase. Sekgala fa morago ga serori se sengwe se tshwanetse go okediwa bosigo, mme ntle le fela fa o tloga o sega tsebe, dira gore serori se se kwa pele se nne bokgakala jo bo lekanang le sekgala se dipone tsa gago tse di ngotlilweng di fitlhang kwa go sona.
Dipone di tshwanetse go ngotliwa go sa le gale, pele ga serori se se tlang se nna gaufi thata. Fa mokgweetsi yo o tlang a sa tsiboge, phatsimisa dipone gape sebakanyana se se kae fela mme o di ngotle gape. Tila thaelo ya go ipusulosetsa ka go phatsimisa dipone tsa gago - go nna le bakgweetsi ba le babedi ba ba fatlhwang ke dipone ke go oketsa kgonagalo ya kotsi fela.
Fa o lebagane le serori se se yang kwa ntlheng e nngwe mme wena o le mo segorong se se ka fa molemeng, ngotla dipone tsa gago go sa le gale, go seng jalo di tla ralala segoro mme di fatlhe mokgweetsi yo mongwe. Mo segorong se se ka fa mojeng gona, dipone tsa gago di tla phatsimela kwa ntle, kgakala le pharakano e e tlang kwa pele, fela fa mokgweetsi yo o tlang kwa pele a ngotla dipone, go ka nna botoka gore le wena o dire fela jalo.
Dipone di tshwanetse go lolamisiwa gangwe le gape, bogolo segolo fa go rulagantswe leeto la bosigo mme serori se laisitse boima go feta ka metlha. Fa ditilo tsa kwa morago di pegile bapagami mme butu e laisitse, dipone tse di ngotlilweng di tla bo di phatsima kgakala fela, fa dipone tse di sa ngotliwang tsona di tla fatlha bakgweetsi ba ba tlang kwa pele ntle le go bonesa tsela. Go botoka go lolamisa dipone kwa karatšheng, mme dipone di tshwanetse go lolamisiwa gape fa o tsamaya ka morwalo o o tlwaelegileng. Go tshwanetse ga lolamisiwa mowa wa dithaere pele ga serori se ka laisediwa leeto la malatsi a boikhutso.
Dintlha tsa botlhokwa go gaisa tse di tshwanetseng go gakologelwa fa go tsewa leeto le le leele ke:
Nna le nako ya go ikhutsa mo diureng dingwe le dingwe di le pedi, gongwe dikilometara di le 200.
Bofang mabanta kwa ditilong tse di kwa morago le tse di kwa pele.
Se nwe tagi o bo o kgweetsa.
Dirisa dipone tsa kwa pele fa pono e fokotsega, mme e seng dipone tsa go phaka.
Dira gore sekgala se se magareng ga gago le serori se se fa pele, e nne bonnye disekonto di le pedi.
Sega tsebe fa fela go babalesegile go ka dira jalo.
O seke wa laisa go feta tekano.
Netefatsa gore serori sa gago se mo seemong se se siametseng leeto pele ga o ka tsamaya.
Rulaganya tsela ya malatsi a gago a boikhutso sentle.
Nna le tirisanommogo mo badirising ba bangwe ba tsela.
Ela tlhoko mokgweetsi yo mongwe
Mmogo le lefifi le seemo sa pula; badirisi ba bangwe ba tsela ba tsewa e le dikotsi tse dingwe tse di tlwaelegileng. Ithute go lemoga bakgweetsi ba ba ka nnang kotsi mme o leke go tshamekela kgakala le bona. Go sa kgathalesege gore o ka ne o rumutswe go le kae, leka go diga makgwafo mme o tile maikutlo a go ipusulosetsa - seno se ka baka kotsi gongwe thuntshano. Mokgatlho wa AA o ikuela mo bakgweetsing go nna kelotlhoko go gaisa fa ba kgweetsa gaufi le tse di latelang:
Serori sengwe le sengwe se pono ya mokgweetsi wa sona e sa lekanang - go tshwana le lori e e laisitsweng phetelela mme e sena diipone mo matlhakoreng.
Serori sengwe le sengwe fela se se leswe, se rusitse, se tlhaela dikarolo dingwe gongwe se pumpunyega mosi mo sekgwamosing - seno se ka ne se kaya gore serori ga se mo maemong a a siameng ka bosona.
Lori e e laisitsweng morwalo o o sa laisiwang sentle gongwe o sa bofiwa, gongwe serori se se laisitseng morwalo mo godimo - morwalo gongwe karolo ya ona, o ka suta mme wa sitlhamana.
Serori se se nang le bana ba ba matlhagatlhaga gongwe diruiwa tse di tlhaga - mokgweetsi yoo o ka ne a tshabelelwa ke dikotsi gongwe a le botlhaswa.
Serori se se nang le dikgomaretsi mo difensetereng, merwalo, bapagami ba ba ntsintsi gongwe diaparo tse di akgegang - pono ya mokgweetsi e ka ne e kgoreletsega.
Serori se mokgweetsi wa sona a sa bonaleng a tsepamisitse mogopolo otlhe mo tseleng.
Mogweetsi yo o kgoreletsang mme a sa batle go go tlogela gore o fete - fokotsa lebelo mme o mo tlogele gore a etelele pele thata.
Serori se se "tletsetletseng" mo tseleng - se ka ne se na le seterebo gongwe segoki se se phoso, gongwe mokgweetsi o ka ne a nole tagi gongwe a otsela.
Go na le dinako tsa letsatsi, le tsa beke tse go diragalang dikotsi gantsi mo go tsona:
Magareng ga letlatlana le makuku a naka tsa kgomo.
Mo dipakeng tsa pharakano e ntsi mo mosong le maitseboa.
Ka "nako ya go tswala" kwa dibareng, dihotele le mafelo a maitiso.
Maitseboana fa bana ba boa kwa dikolong.
Morago ga dikokoano tsa setšhaba di tshwana le metshameko ya rugby gongwe mabelo.
Go ela kwa mafelong a beke le ka mafelo a beke fa tiriso ya tagi e oketsega.
Ka malatsi a boikhutso a botlhe le ka mafelo a beke fa bakgweetsi ba tsepamisitse megopolo mo go boneng lenaga go na le go kgweetsa ka tshwanelo.
Letla gore go nne le maitseo a a botoka a mo tseleng
Ga gona lebaka la gore mokgweetsi a nne mo moleng wa moja mme a pateletsa dirori tse dingwe go mo sega tsebe ka fa mojeng fela ka ntlha ya gore o kgweetsa ka lebelo le le letleletsweng. Mokgweetsi yo mongwe o ka ne a na le lebaka le le utlwalang la gore a fete lebelo le le beilweng, mme go mo kgoreletsa jalo go ka dira gore go nne le seemo se se kotsi se mo go sona go kukega makgwafo go ka kgoreletsang go tsaya ditshwetso ka tshwanelo.
Mo maemong a tshoganyetso, panyapanyisa dipone tsa gago tsa tshoganyetso tse di mme o tshube dipone tsa gago mme o kgweetse ka lebelo le le babalesegileng. Ikobele melao ya tsela mme o seke wa kgweetsa botlhaswa.
Kgakololo eno e tswa kwa Mokgatlhong wa Dirori (AA ) go latela dipegelot se di bonweng mo bakgweetsing ba ba itirang "mapodisi" ka go kgoreletsa mola o o ka fa mojeng (wa go sega tsebe) wa tsela ya mela-mentsi.
Le fa gona go kgweetsa mo moleng wa tshoganyetso go letlelelwa mo mabakeng mangwe motshegare, pharakano e e tlang kwa morago ga e a tshwanela go pateletsa dirori tse di kwa pele go sutela kwa moleng o mosetlha go go di letla go sega tsebe. Ke go bontsha botho go suta, fela o sala ka maikarabelo a go netefatsa gore a go babalesegile go dira jalo.
Mokgatlho wa AA o rotloetsa bakgweetsi go nna le boitshoko mo ditseleng tsa rona ka go kgweetsa ka iphemelo go na le ka mafega.
Maitsholo mo tseleng - a dira gore go kgweetsa go itumelelwe ke botlhe.
Bofa lebanta: mabanta a pabalesego a boloka matshelo
Ngwaga le ngwaga batho ba balelwa go 10 000 ba swa mme ba bangwe ba le 150 000 ba gobala mo dikotsing tsa tsela mo Aforika Borwa. Ke dipalo tse di gatsetsang mmele, fa o lebelela gore malatsi a boikhutso a Sedimonthole a setse a gorogile. Ditatlhegelo tsa matshelo di utlwisa botlhoko, fela ditshenyegelo tsa ikonomi tsona di a boitshega. Dituelo tsa ditirelo tsa sepodisi le tsa tshoganyetso, tshenyego ya dirori le dithoto, gammogo le paka ya go sa dire di jela naga dibilione tsa diranta di fopholediwa go R12 ngwaga le ngwaga.
Go tshwanetse ga nna le tsela ya go fokotsa dintsho le tshotlego e e kana kana. Nnete ke gore yona e teng. Mme yona e tlhoka fela metsotsowana e le lesome ya go akanya le go tsaya kgato. "Metsotswana e le lesome e e ka bolokang botshelo jwa gago", ke molaetsa o o bonolo mme o tlhamaletse. Molaetsa ke gore dikgato di le nne tse di bonako, bonolo, mme di sa je tšhelete epe, tse di tsayang metsotswana e le 10 fela di ka boloka botshelo jwa gago. Jaanong dikgato tseo ke dife?
Ka gale baya bana mo setilong se se tshwanetseng sa bana gongwe mo tharing: mo kotsing ya lebelo la dikilometara di le 50 ka ura, ngwana wa dingwaga di le nne, wa boima jwa dikilogerama di le 20, o tla thulana le sengwe sa ntlha se se popota ka boima jwa dikilogerama di le 400. Go dirisa setilo sa bana se se tsentsweng ka tshwanelo gongwe setshegetsi, go ka fokotsa dikotsi tse di ka tsayang botshelo ka go fitlha go 75%. Ka jalo sekaseka setilo sa bana se se mo seroring sa gago. A se tsentswe ka pabalesego? A ke sa bogolo jo bo siameng? A o a se dirisa? Re itse gore bana ba ka ngongorega nkwana. Fela seo se botoka go na le se se maswe se se ka diragalang.
Baya ka gale dilowana tse di sa bofiwang mo teng ga butu ya serori. Fa serori se ema ka tshoganyetso mo kotsing, buka ya dimmapa e e kwa morago e tla betsa bapagami ka bokete jwa thago ya karate. Khamera e fetoga geranata ya seatla, fa sekhukhu e ka fetoga go nna mmisaele o o bolayang. Dilwana tsa kerosari di ka bolaya. Di beye kwa butung.
Lolamisa setilo le setshegetsa tlhogo ka gale. Ke setshegetsa tlhogo, e seng seikaegi mme se foo go thebela gongwe go fokotsa kgobalo ya molala, e leng yona kgobalo e e tlwaelegileng thata mo kotsing ya serori. Tota le mo lebelong le le kwa tlase jaaka la dikolometara di le lesome ka ura, go ntse go na le kotsi ya kgobalo e e tseneletseng.
Tsenya lebanta la gago la pabalesego ka gale mme o netefatse gore motho mongwe le mongwe yo o mo seroring o tsentse la gagwe. Re a boeletsa, dirisa lebanta ka gale.
Mokgatlho wa AA o gatelela gore ga se fela gore go tshwanetse ga tsenngwa mabanta a pabalesego kwa pele mo seroring. Mabanta a kwa morago le ona a boloka matshelo - fela re fopholetsa gore, go ralala Aforika Borwa, ke fela batho ba ba ka nnang 65% ba ba dirisang mabanta a pabalesego.
Tiriso ya lebanta la pabalesego e botlhokwa mo leetong lengwe le lengwe, go sa kgathalesege gore le lekhutshwane gongwe bonya go le kana kang - mme go botlhokwa go mongwe le mongwe yo o mo seroring. Go tola boloka bapagami - mme gape go tla boloka bakgweetsi. Mopagami yo o sa bofiwang mo seroring se se amegang mo kotsing a ka thula ba bangwe ka boima jwa tlowana.
Dikgato di le nne tse di Bonolo: Dikgato tse di tsayang metsotswana mme di ka boloka matshelo. Akanya ka ga tseno. Mme o diragatse.
Dithaere di ka nna kotsi
Mokgatlho wa AA o ikuetse gore go tiisiwe thata taolo ya dithaere tse dikgologolo tse di tsenelelang mo nageng eno mme di dirisiwe mo diroring tse di pegang diketekete tsa bapagami.
Mokgatlho wa AA o ne o tsibogela patlisiso e e tseneletseng e e dirilweng ke ditlhopha tsa patlisiso tsa lekwalodikgang la Sunday Times le lenaneo la M-Net la Carte Blanche, tse diphitlhelelo tsa tsona di golotsweng fa gautshwane.
Ka ntlha ya tlhaelo ya dithaere, indaseteri ya dithaere e patelesega go romela teng dithaere tse di dirisitsweng gore di bakanyediwe go dirisiwa gape. Le fa gona go tlhokega ditetla go dira dithomelo teng tse di jalo, bontsi jwa dithaere bo tsweletse go kgabaganya melelwane go tsena mo nageng mme di rekisediwa bakgweetsi gongwe beng ba dithekesi ba ba sa belaeleng sepe. Dithaere tse di romelwang teng ka tetla, ga di fitlhelele barekisi ba ba mo molaong, mme gape merwalo ga e sekasekiwe kwa bogorogelong.
Kwa yuropa, boteng jwa semolao jo bo letleletsweng jwa thaere ke 1,5mm go na le tlhokego ya mo Aforika Borwa ya 1mm, mme re na le tumelo ya gore dithaere tseo di "latlhelwa" mo mmarakeng wa Aforika Borwa. Diperesente di se kae di ka ne di le mo seemong se se amogelesegang, fela bontsi bo ka ne e le jwa seemo se se kwa tlase.
Mo godimo ga go gagamatsa taolo ya thomeloteng, go tshwanetse ga rulaganngwa mananeo a thuto, go lemosa setšhaba ka botlhokwa jwa go nna kelotlhoko fa go rekiwa dithaere tse di setseng di kile tsa dirisiwa, gammogo le bogolo jo bo tshwanetesng jwa thaere le mowa o o lekaneng mo mofuteng wa serori. Beng/Bakgweetsi ba dithekesi ba rotloediwa go bona bukana ya "Dithaere tsa dithekesi tse di pagamisang 10 go ya go 16", e e phasaladitsweng ke Biro ya Seemo ya Aforika Borwa.
Gakologelwa - dithaere ke tsona fela dikarolo tse dinnye tse di amanyang serori le tsela, e ka nna mo seemong sa bosa se se omileng gongwe se se bongola.
Dintlha tsa botlhokwa
Ntlha e e tlang pele ga go ka tsewa leeto, ke go sekaseka gore a serori se babalesegile. Go tshwanetse ga sekasekiwa dipone le dipone-kaedi tsotlhe, diphimola difensetere, maboriki, seterebo, thulaganyo ya sekgwamosi le dithaere go batla diphoso. Bakgweetsi ba ba senang bonnete gongwe ba tshwenyegile ka ntlha ya gore a dirori tsa bona di siametse tsela, ba ka dira ditlhatlhobo tsa setegeniki tsa pele ga malatsi a boikhutso kwa Tikwatikweng nngwe le nngwe ya Setegeniki ya Mokgatlho wa AA go ralala Aforika Borwa - mme tlhatlhobo eno e dirwa ka tuelo e e sa reng sepe.
Bakgweetsi ba gakololwa gore ka gale ba nne le fenebelete le lethombo la redieitara la tlaleletso mo butung - le fa serori se amogetse pegelo ya setegeniki ya gore se tlhamaletse. Tseno di ka boloka nako le tšhelete fa go ka nna le mathata, mme gape go ka nna botoka thata go tsaya dinotlolo tsa tlaleletso.
Kgakololo e nngwe ke ya gore o tlhole dipholesi tsa inšorense pele ga o ka tsaya leeto le le leele. Dipholesi tsa inšorense tsa dirori, dithoto tsa mo ntlong, tsa ntlo le tsa botshelo di tshwanetse gore di bo di tlhamaletse.
Go tshwanetse ga khanselwa batho ba ba tliswang makwalodikgang le mašwi mme go dirwe tlamelo ya tlhokomelo ya diruiwa. Ntlha e nngwe ya tlhokomelo e ka nna gore batsamai ba tshwanetse go itsese seteišene sa mapodisi se se fa gaufi gore ba tla bo ba se mo gae.
Malapa a a tsamayang ka tsela e ba sa e tlwaelang a tshwanetse go rulaganya leeto. Mokgatlho wa AA o tlamela ditokololo tsa ona ka dimmapa tse di farologaneng tsa tsela, maano a ditoropo, dibukana le dipegelo tsa ditsela. Manaane a maeto a a rulagantsweng bongwe ka bongwe a ka newa ditokololo fa di kopa jalo. Go botlhale go dirisa ditsela tse dikgolo go na le go dirisa ditselana tse di potelang - le fa di kgaola leeto.
Mokgatlho wa AA o na le tsamaiso ya SOS e e tlhomilweng ke Lefapha la Dipalangwa mo ditseleng tse dikgolo. Difounu tsa SOS di farologane ka sekgala sa dikilometara di le pedi mme o ka bona thuso fela ka go letsa.
Bakgweetsi ba ba mo maetong, ba tshwanetse go netefatsa pabalesego ya bona le ya balelapa le badirisi ba bangwe ba tsela, ka go dirisa mabanta ba pabalesego le go tlhokomela sekgala sa metsotswana e mebedi fa morago ga serori se sengwe. Sekgala se se fa morago ga serori se sengwe se tshwanetse go okediwa bosigo, fa go le mouwane gongwe pula e na gongwe tsela e le bongola.
Letsapa le go lapa matlho go ka tilwa ka go ikhutsa gangwe le gape. Go botoka gape go fetola bakgweetsi kwa mafelong a go ikhutsa. Go gakololwa gore go nne le boikhutso jwa pabalesego mo diureng dingwe le dingwe di le pedi gongwe dikilometara di le 200 gonne seno se tla fokotsa seelo sa letsapa.
Dirori di tshwanetse go lotlelwa ka gale fa go sena ope fa go tsona mme go seke ga tlogelwa dilwana tsa botlhokwa di le fa di ka bonwang teng ke bafeti ka tsela. O seke wa tlogela bana gongwe diruiwa mo seroring se se lotletsweng - mogote o o ka fa gare o ka baka letsapa la mogote gongwe go swa mhama ka ntlha ya mogote go go ka bakang leso.
Go botlhokwa gape gore bakgweetsi ba tshola dilaesense tsa bona tsa go kgweetsa ka dinako tsotlhe. Seno se botlhokwa go ya ka molao.
Dikgakololo malebana le go kgweetsa le go tlhokomela serori
Se o tshwanetseng go se dira fa o ka tlhagelwa ke kotsi
Go sekaseka seterebo sa serori
Tlhokomelo fa o dira mo seroring
Kemiso e e seng ya boithaopo
Tlhokomelo ya dithaere
Se o tshwanetseng go se dira fa o ka tlhagelwa ke kotsi
Dikotsi le maikarabelo a semolao:
Ema ka gangwe fela.
Sekaseka mofuta le seelo sa dikgobalo mme o thuse ba ba gobetseng ka moo o ka kgonang ka teng.
Bitsa mapodisi le emelense fa go na le motho mongwe yo o tlhokafetseng gongwe yo o gobetseng.
Sekaseka mofuta le seelo sa tshenyego.
Fa serori se thibile tsela gotlhelele, o ka se sutisa, morago ga go tshwaya mo se neng se eme gona, mme fela fa go na le motho yo o gobetseng gongwe yo o tlhokafetseng, o ka dira jalo fela morago ga go bona tetla go tswa kwa motlhankeding wa pharakano.
Tlhagisa laesense ya gago ya go kgweetsa mme o begele sepodisi ka ga kotsi mo sebakeng sa diura di le 24, mme o bone nomoro ya tshupetso, e o tla e tlhokang mo mabakeng a inšorense.
Tlhokomelo:
Thadisa lefelo la kotsi ka ditshwantsho tse di bonolo, mme fa go kgonega, tsaya ditshwantsho.
Tila go dira dipolelo tse di ka go tshwarisang mme o se ke wa amogela molato.
Kwala diitshupo tsa matlhakore a mangwe le dipaki, gammogo le seemo sa kotsi.
O seke wa sutisa batho ba ba gobetseng thata, mme o thuse fela go fitlha moo o ka kgonang teng gongwe go ya jaaka o katisitswe.
Netefatsa gore motlamedi wa kgogo yo o ikanyegang o goga serori sa gago mme o kope lekwalo la gore tuelo e tla nna bokae pele ga serori sa gago se gogiwa.
Ela tlhoko: Seelo se se mo molaong sa tagi jaanong ke dikereme di le 0,05 mo madding a a kana ka 100ml mo bakgweetsing ba poraefete, le 0,02 mo bakgweetsing ba porofešenale. Seelo seno ga se lekanyetse palo ya digalase tse o ka di nwang gonne go laola fela bokete jwa mmele wa gago, mme fela mo mmeleng o o magareng (85kg) e ka nna bokana ka digalase di le pedi tsa morara.
Dinomoro tsa mogala tsa tshoganyetso: Sepodisi 10 111
Go sekaseka seterebo sa serori
Dirori di diretswe go tsamaya ka tlhamalalo mo tseleng e e lekalekanang gongwe e e kobegang go se kae fela. Seno se kaya gore fa o tlogela seterebo mo tseleng e e lekalekanang, serori se tshwanetse go tswelela ka tlhamalalo sekgalanyana se se kae pele ga se simolola se ela kwa molemeng ka iketlo ka ntlha ya go kobega ga tsela. Fa serori se ya kwa le kwa ka nako ya tekeletso, seno e ka nna ka ntlha ya tebaganyo e e sa siamang ya maotwana, kere ya seterebo e e sa gagamalang gongwe morwalo o o sa lekalekaneng.
Fa serori se simolola fela ka go ya kwa letlhakoreng le lengwe fa o sena go tlogela seterebo, e ka ne e le ka ntlha ya pharologano e kgolo ya mowa wa dithaere magareng ga letlhakore la molema le la moja, sengwe se se sa siamang mo maotwaneng a kwa morago, dithaere di sa lekalekane, gongwe seporeng se se robegileng gongwe se lapile. Ape e ka nna ka ntlha ya diphoso tse di kailweng mo temeng e e fetileng.
Fa o le mo khoneng e e motsu mme seterebo se sokodisa go tlhamalala gape, gongwe seterebo se tlhoka gore o tsenyeletse maatla, seno e ka ne e le ka ntlha ya mowa o o kwa tlase mo dithaereng, dkgokaganyo tsa seterebo, sasepenšene e e senyegileng, kere ya seterebo e e sa lolamisiwang ka tshwanelo gongwe diporeng tse di lapileng tsa kwa pele. Tsamaiso ya maatla ya seterebo e ka ne e na le seelo se se kwa tlase sa seedi, pompo e e sa direng ka tshwanelo, go dutla ga belofo, banta e e bofologileng, gongwe peipi e e thibaneng.
Fa seterebo se itshamekela fela, se tla boa fela jalo. Seno e ka ne e le ka ntlha ya dikopanyi tse di fedileng gongwe tse di bofologileng tsa seterebo, bokoso ya seterebo e e fedileng gongwe e e sa lolamisiwang sentle gongwe dibering tse di sa lolamisiwang sentle tsa maotwana a a kwa pele. Mowa mo tsamaisong ya seterebo sa maatla ole ona o ka dira gore go nne le go itshamekela fela ga seterebo.
Go tlhodia ga dithaere mo dikhoneng gantsi go bakwa ke mowa o o kwa tlase mo dithaereng, mme gape go ka bakwa ke go sa lebagana ga maotwana gongwe segoro.
Tlhokomelo fa o dira ka serori
O seke wa ikanya jeke. Bogolo reka ditene tse di ikemisang mme o di dirise gangwe le gape fa o tlhoka go tsena ka fa tlase ga serori.
Tlosa sebofa-seepelwammung (go le gantsi ke pale ya Neketifi) mo beteriing go tila go simolola sesimolodi ka phoso, go simolola molelo, gongwe go gotetsa dibenyane gongwe tshupanako ya gago fa o ka ama gongwe wa bula mogala ka phoso.
Netefatsa gore dikarolo tsotlhe tsa motlakase di timilwe fa o tlosa sebofi; go seng jalo go ka tlola ditlhase mme tsa baka gore beteri e thunye.
O seke wa tlogela didiriswa mo godimo ga beteri moo di ka kgomang ditheminale mme tsa baka ditlhase.
Tlosa diaparo gongwe meriri e e akgegang mo dikarolong tse di tsamayang.
Rwala disireletsa matlho fa matlho a gago a ka nna mo kotsing, jaaka fa o lootsa, o bora o kgonamisitse.
O seke wa tlatsa sampo gongwe seduti sepe fela go feta tekano, gonne seno se ka baka tshenyo mo dikhurumelong gongwe ya dira bothata jwa go dira jo bo tseneletseng.
O seke wa tlosa sekhurumelo sa redieitara mo tsamaisong ya tsidifatso e e bolelo. Fa tota go tlhokega gore o bule, dirisa lesela mo godimo ga sekhurumelo mme o eme ka fa letlhakoreng le lengwe, o e golola ka iketlo.
O seke wa tshela metsi a a tsididi mo enjeneng e e bolelo gonne tlhakatlhakano eo e ka baka tshenyo. Fa go sena ka moo o ka dirang ka gona, tshela metsi ka iketlo fa enjene e ntse e duma.
O seke wa letla bana ba bannye gaufi le serori fa o tshwaragane le sona.
Baya moteme wa setimamolelo gaufi le fa o direlang gona.
O seke wa leka go tima molelo wa peterole gongwe motlakase ka metsi; bogolo o ka dirisa motlhaba.
Ela tlhoko fa o kukile beteri, gongwe o tshwaragane le yona, gonne esete e e phatšhegang e ka baka diphatlha mo diaparong tsa gago mme wa utlwa o babelwa.
O seke wa tsamaisa enjene sebaka mo lefelong le le tswaletsweng.
Peterole ga e akanyediwe, bogolo segolo fa e moafetse, mme fela ka ntlha ya gore o kile wa tshololela peterole mo peiping e e bolelong gangwe mme ga seke ga diragala sepe, o ka seke wa tsaya gore go tla babalesega mo nakong e e tlang.
Kemiso e e seng ya boithaopo
O dirang fa serori sa gago se ema fela ka tshoganyetso? Ke go tsaya mogala wa letheka fela. Go sa le jalo, go botoka go leka go batla phoso. Fa go ema goo go patilwe ke medumonyana gongwe fa maotwana a itotletse, gona go ka ne go na le bothata jo bo tseneletseng. Fa go sa nna le modumo ope, gona go na le kgonagalo ya gore go senyegile sengwe se sennye fela.
Kgato ya ntlha ke go lebelela ka fa tlase ga bonete go tlhola megala e e kgaogileng, peipi ya peterole e e robegileng gongwe karolo nngwe e e bonalang e e robegileng gongwe e dutla. Fa go sena phoso e e bonalang, gona o ka tswelela ka gangwe fela go tlhola tse di latelang:
Selekanyetsi sa peterole se bontsha eng? Go felelwa ke peterolo ke sengwe se se diragalelang mongwe le mongwe ka dinako dingwe.
Tlhola gore a go na le tlhase ya kgatelelo-godimo. Tlosa mongwe wa megala ya dipolaka mme o o kgomise karolo ya tshipi ya tlhogo ya selennere fa motho yo mongwe a sokeletsa sesimolodi, fa ignition e tshubilwe. Netefatsa gore ga o ame karolo epe ya tshipi ya mogala wa polaka, go seng jalo o tla tšhoukega botlhoko. O tshwanetse go bona tlhase e e maatla e e tala, fa e le bokoa mme e le tshetlha, gongwe fa go sena le fa e le tlhasenyana, tlhatlhoba letsogo la roto ka fa tlase ga sekhurumelo sa seabi (distributor) , o netefatsa gore ga le a robega gongwe go fela. Gape o sekaseke gore a boratšhe jwa khabone mo gare ga sekhurumelo bo kgomana le letsogo la roto. Fa dilwana tseno di le mo seemong se se siameng, lebelela letlhakore la kgatelelo-tlase.
Mogala wa kgatelelo-tlase o tsamaya go tloga kwa khoeleng ya ignition go ya kwa letlhakoreng la seabi. Ke mogal o mosesana o gantsi o kgaogang fela fa o tsenang mo seabing gona. Fa o siame, mme serori se na le seabi sa mofuta wa bogologolo se se nang le dintlha, gona o tshwanetse go tlosa sekhurumelo sa seabi mme o bule dintlha go se kae ka sekurufuteraeba fa ignition e tshubilwe. Go tshwanetse ga tlola tlhasenyana fa o bula dintlha. Fa tlhase e bonala gona o ka tsaya gore letlhakore la kgatelelo-tlase le siame, fela ga e seyo gona go na le go sa direng sentle mo megaleng. Fa dintlha di butswe fa o tlosa sekhurumelo, gona o tshwanetse go dikolosa enjene ka sesimolodi go fitlhelela di nna mo seemong se se tswetsweng pele ga o leka og di bula.
La bofelo o tshwanetse go tlhola gore a peterole e fitlhelela khabareitara. Tlosa legodimo la sephepafatsa mowa, mme o bone fa peterole e tlolela mo mogolong wa khabareitara fa o sutisa letsogo le le mametleletsweng mo serurubeleng.
Go tlhola jaana gantsi go ka kgona go dira gore o bone karolo e e utlwalang ya se se bakang mathata a go ema mo thoko ga tsela.
Dithaere di tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape, mme lenaane le le latelang le sedimosa dingwe tsa diphoso tse o tshwanetseng go di lebelela. Fa go na le sengwe sa tse di latelang, ikgolaganye le moitseanape wa dithaere.
Konalo ya letlhakore le le lengwe: Seno se ka diragala ka mefuta e e farologaneng. Go nna borethe go dikologa thaere ka fa gare gongwe ka fa ntle e ka nna sesupo sa bothata mo dikarolong tsa maotwana a a kwa pele. Go sekamisetsa maotwana thata ka fa gare go baka go rethefala go go sa tlwaelegang ga letlhakore le le lengwe.
Go onala fa gare ga thaere. Go onala go go tlwaelegileng ga mofuta ono gantsi ke sesupo sa mowa o montsi mo thaereng. Go kgweetsa ka lebelelo le le kwa godimo mo sekgaleng se seleele go ka baka seno mo dithaereng tsa porofaele e e kwa tlase, gonne go kgweetsa ka lebelo la 120 km ka ura go onatsa thaere gabedi go gaisa go kgweetsa ka 70 km ka ura.
Konalo ya losi la ka fa gare gongwe ka fa ntle. Fa dintshi tsotlhe tsa ka fa gare le ka fa ntle di onetse, gantsi go kaya gore dithaere di ntse di tsamaisiwa ka mowa o o kwa tlase thata mo mabelong a a tlwaelegileng.
Go rethefala go go sa tlwaelegang fale le fale. Seno gantsi se bakwa ke ditshitatshikinyo (shock absorbers) tse di onetseng, diporeng tsa sasepenšene tse di onetseng, gongwe dibereng tsa tsa leotwana tse di repileng.
Ga gona gore re ka gatelela botlhokwa jwa go tlatsa maotwana ka tshwanelo. Fa mowa o le kwa tlase thata o ama thaere ka ditsela di le mmalwa.
Fa lebelo le oketsega, kamano e e tseneletseng le lefatshe e baka gore go nne le lekhubu mo thaereng, mme lona le dira gore go nne le mogote o o tseneletseng o o batlang tshenyego ya popego gongwe go retelelwa ga thaere. Kobego eo ya tlaleletso e tla ama motsamao wa seterebo, tlhomamo ya dintlha, bothata gammogo le go emelana le go kgokologa. Tota le go kgweetsa ka mowa o o kwa tlase ka sewelo fela, gongwe go laisa go feta tekano ka dinako dingwe, go ka baka tshenyego e e tla bonalang morago fela ka go thunya.
Mowa wa dithaere, go akarediwa le wa thaere ya tshoganyetso, o tshwanetse go tlhokwa bonnye, gangwe ka beke go dirisiwa selekanyetsi se se siameng sa mowa, pele ga dithaere di ka gotela, go tewa, pele ga o ka kgweetsa sekgala sa 10km.
Dikhurumelo tse di latlhegileng tsa dibelofo di tshwanetse go busediwa gonne di tshwanetse go sireletsa dibelofo kgatlhanong le leswe le le ka di thibang mme la baka gore mowa o dutle.
Go dikolosa dithaere ke kgang e e masisi e ditlamo dingwe di e atlenegisang, fa tse dingwe di sa bue sepe, mme setlamo sa BMW sona se kgatlhanong le seno. Go dikolosa dithaere ka go isa tse di kwa pele kwa morago mme tsa kwa morago di isiwa kwa pele go lekalekanya konalo, fela kwa bokhutlong gona, dithaere di tshwanetse go fetolwa ka nako e le nngwe fela, mme seno se tlhotlhwa godimo tota.
Setshwantsho sa batho ba ya kwa thekesing le letshwao la tsela le letshwao la TETA
MODULE ONO O KA GA ENG?
Mojule ono o tla re naya tshono ya go lebelela Molaotheo wa Bosetšhaba wa indaseteri le ka moo melaotheo ya selegae e baakantsweng ka gona go tshegetsa maikemisetso a Khansele ya Bosetšhaba.
Tlhaloganya gore ke ka ntlha ya eng go tlhamilwe SANTACO
Tlhaloganye seabe se se farologaneng sa SANTACO
Tlhatlhoba dintlhatheo tse di tshegeditseng popegotheo ya yona
Buisana ka mofuta wa letshwao
Lemoga maikemisetso le popegotheo ya Molaotheopotlana o o kannweng wa Mekgatlho ya Dithekesi
Go tlhaloganya Molaotheo wa SANTACO
Matseno:
Seno se akaretsa seemos e se lebisitseng kwa kgolong e e boitshegang ya Indaseteri ya Dithekesi ka dingwaga tsa bo1980, e e nnileng ona motheo wa Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho ka nako eo. Megopolo ya go se kgathalele tlamelo ya ditirelo tsa bantsho e ne ya dira gore indaseteri e tlhoke taolo, e nne le bagwebi ba bantsi, e nne le matlotlo a a kwa tlase mme e aparelwe ke dikgotlhang, matshosetsi gammogo le go ja ntsoma.
Maikemisetso magolo a Khansele ya Bosetšhaba ya Dithekesi ya Aforika Borwa (SANTACO) ke go tlhama indaseteri ya dipalangwa ya dithekesi e e se nang tirisodikgoka, e kopane, e tsamaisiwa ka tsela ya temokerasi mme e ikanyega le go nna bokgoni, gape e direla setšhaba ka mofuta o o babalesegileng mme o se tlhotlhwagodimo wa dipalangwa, go lebeletswe mekgatlho yotlhe e e mo indasetering ya dithekesi.
Maitlhomo le Maikaelelo a SANTACO a tlhalosiwa le go aroganngwa ka fa tlase ga diabe tse di latelang:
Seabe sa kemedi le tsamaiso
Seabe sa taolo
Seabe sa kagosešwa ya kgwebo le ikonomi
Seabe sa loago
Seabe sa bogakolodi
Seabe sa kemedi le tsamaiso
Ntlha eno ya Molaotheo e lebeletse bogolo, seelo le kemedi ya indaseteri mo magatong otlhe.
Go batla maikutlo le go gwetlha puso kwa magatong otlhe.
Kgokaganyo ya megopolo ya ditokololo tsa yona mo mererong ya indaseteri le go emela dikgatlhego tsa ditokololo tsa yona kwa ditheong tsa selegae, kgaolo, porofense, bosetšhaba, kontinente le boditšhabatšhaba.
Go tlamela ditokololo tsa yona ka tirelo ya tsamaiso e e bokgoni, ka maikarabelo, e se bofitlha mme e le ya seporofešenale.
Go kwadisa ditokololo tsa dithekesi, badiri le mekgatlho ya dithekesi.
Go emela indaseteri ya dithekesi gongwe le gongwe le nako nngwe le nngwe fa go tlhokega.
Seabe sa kagosešwa ya kgwebo le ikonomi
Karolo eno e lebeletse ka botlalo, ponelopele ya ikonomi ya Khansele malebana le kagosešwa.
Go rotloetsa maatlafatso ya ikonomi ya bantsho mo indasetering ya dipalangwa.
Go fetola megopolo ya beng ba dithekesi tsa diminibese le badiri gore ba lemoge gore go na le ditshono tse dingwe di le dintsi mo indasetering ya dipalangwa.
Go rotloetsa tirisanommogo magareng ga mefuta e e farologaneng ya dipalangwa.
Go fetola indaseteri ya dipalangwa go nna le seabe se segolo le motlamedi wa dipalangwa go ya ka ditlhokego tsa tiro tse di fetogang mo diindasetering tsa Dipalangwa le tse di tsamaelanang natso mo Borwa jwa Aforika.
Seabe sa loago
Diabe tse di tlhalositsweng fano di tlhagisa ka tlhamalalo go kgathalela batho le tikologo.
Go netefatsa gore indaseteri ya dithekesi ya dikhombi e nna le seabe se se botlhokwa mo pabalesegong ya mo tseleng gammogo le go rorwa ga batho ka tsela e e babalesegileng le ka maikarabelo.
Go rotloetsa go dirwa le go dirisiwa ga didiriswa tse di sa utlwiseng tikologo botlhoko mo tlamelong ya ditirelo tsa dipalangwa gore go nne le phokotsego ya modumo, tiriso e e botoka ya ditlamelo tsa tlholego gammogo le phokotsego ya kgotlhelego ya mowa le metsi.
Go netefatsa gore ditokololo tsa yona di lemoga le go tlhaloganya gore di amega mo go tlameleng tirelo ya setšhaba e e nang le ditlamorago tse di bonalang tsa dikgatlhego tsa setšhaba mme ka jalo ba tshwanetse go dira ka mokgwa o o bontshang maikarabelo.
Go ruta setšhaba ka ga pabalesego ya mo tseleng gammogo le dikgato tse dingwe tsa pabalesego.
Go tlamela ka rabadirisi yo o tla lebelelang dingongorego tse di malebana le tlamelo ya ditirelo mo indasetering
Seabe sa bogakolodi
Seabe se se supilweng fano se supa kgotlhelelo e SANTACO e tla nnang le yona gore e kgone go tshegetsa ditshwanelo le ditshiamelo tsa ditokololo tsa yona.
Go tlhama melao le melawana ya go tsamaisa indaseteri ya dipalangwa ka pabalesego, tshwanelo le ka bokgoni.
Go simolola, rotloetsa le go sekaseka ka maikaelelo a go aga le go ganetsa melao gongwe dipaakanyo gongwe diphetolo mo molaong, tiro gongwe thulaganyo e e amang indaseteri ya dithekesi.
Go iletsa mekgwa le ditiro tse di dirwang go kgoreletsa gongwe go gataka ditshwanelo le ditshiamelo tsa indaseteri ya dithekesi le ditokololo tsa yona.
Go tsaya botokololo gongwe go sa nneng jalo, go dirisana le bothati jo bo maleba mo Rephaboliking ya Aforika Borwa gongwe kwa ntle ga yona, mo dikgatlhegong tsa indaseteri ya dipalangwa tsa botlhe.
Karolo eno ya Molaotheo e tlhalosa:
Setheo jaaka "motho wa molao" yo o kwadisitsweng jaaka Setlamo sa karolo ya 21.
Le maitlamo a go dirisa temokerasi le kgodiso ya baagi ba ba sa bolong go ikgatholosiwa mo indasetering ya dipalangwa tsa botlhe.
DINTLHATHEO
Karolo eno ya molaotheo e lebelela dintlhatheo tse di farologaneng tse di swetsang ka Popegotheo, botokololo, melao le melanwana, dikgwebo, maitsholo le maikarabelo a dikonteraka a SANTACO.
NTLHATHEO 1: BOTOKOLOLO
Tshobokanyo: dintlha tsa:
Dipeelo tsa go tsenela
Ditshwanelo le maikarabelo le dikgato tsa kgalemo ke dingwe tsa dintlha tse di lebelelwang mo karolong eno.
NTLHATHEO 2 - 16: POPEGOTHEO YA SETHEO
Karolo eno e lebelela popegotheo ya tatelano mo setlamong.
Setshwantsho se se fano se bontsha dikgato tsa tshusumetsano. Ditiro le maikarabelo a a farologaneng a dikarolwana le batho di tlhalosiwa mo dikarolong tse di farologaneng.
Khonferense ya Bosetšhaba
Dikhansele tsa Dithekesi tsa Diporofense di le 9
Dikhansele tsa Dithekesi tsa dikgaolo
Dikhansele tsa Dithekesi tsa Poraemari
Botokololo
NTLHATHEO 17: KGALEMO
Karolo eno e lebelela ditlolomolao tse di farologaneng le dikgato tsa kgalemo tse di tla tsewang kgatlhanong le batho.
Tiro
Tiro eno e lebelela Dikgaolo tse dingwe ka fa tlase ga dintlhatheo mme gape le bokao jwa sekano sa Khansele. (Dintlhatheo 18 - 25)
KOMITI YA PHOLESI LE TSAMAISO
Karolo eno ya Molaotheo e lebelela dipholesi le dipopegotheo tse di direlang go fitlhelela ponelopele le maikemisetso a SANTACO.
YUNITI 2 Go tlhaloganya Molaotheopotlana o o kannweng wa Mekgatlho ya Dithekesi
POELO
Mo yuniting eno o tla:
Lemoga maikemisetso le popego ya Molaotheopotlana o o kannweng wa Mekgatlho ya Dithekesi.
MEKGATLHO YA SELEGAE YA DITHEKESI
Tokololo e nngwe le e nngwe ya SANTACO e tla nna tokololo ya Mokgatlho wa Dithekesi wa Selegae
Mokgatlho wa Dithekesi wa Selegae o tla dirwa ke bonnye ditokololo di le 30 tse di nang le tshiamelo ya botokololo go ya ka Molaotheo wa Mokgatlho oo wa Selegae. Mokgatlho wa Selegae o ka nna fela le ditokololo tse di ka fa tlase ga 30 morago ga go sena go dirwa kopo le go amogela thebolo ya tumelelo e e kwadilweng ya Komititsamaiso ya Porofense ya Khansele ya Dithekesi ya Porofense.
Go tla lemogwa fela Mokgatlho wa Selegae o le mongwe go ya ka lefelo le le kgaogantsweng. Go ka ikgatholosiwa molao ono morago ga go sena go dirwa kopo le go amogela thebolo ya tumelelo e e kwadilweng ya Komititsamaiso ya Porofense ya Khansele ya Dithekesi ya Porofense ka tshwaragano le Komitikhuduthamaga ya Bosetšhaba ya SANTACO.
Molaotheo o Mokgatlho oo wa Dithekesi o dirang ka fa tlase ga ona o tshwanetse go nna le tshedimosetso e e latelang:
Leina le nomoro ya kwadiso ya Mokgatlho le dintlha tsa boselegae.
Mofuta wa Mokgatlho
Botokololo jwa mokgatlho
Maitlhomo le maikaelelo
Mafelo a tiro (Mokgatlho o tshwanetse go kwala ditsela tse di kwadisitsweng tse di diriswang ke ditokolo tsa mokgatlho mo lenaaneng)
Komitikhuduthamaga ya mokgatlho gammogo le:
Tlhaloso ya tshiamelo, go supiwa gammogo le go tlhophiwa ga batshola dikantoro
Botokololo
Sebaka sa go nna mo kantorong
Go tlosiwa mo kantorong
Go emisediwa ga ditokololo tsa komitikhuduthamaga
Ditiro le maikarabelo
Dikopano tsa komitikhuduthamaga.
Dikomiti tsa Tsamaiso: di tla tlhophiwa go tsamaisa le go tshwara ditiro dingwe mo setlamong di tshwana le:
Ditiro tsa kgalemo
Komiti ya ditšhelete
Katiso le Tlhabololo
Tharabololo ya dingongorego
Botokololo jwa setlamo
Ditlhokego tsa botokololo
Khutliso ya botokololo
Thulaganyo ya go dira kopo
Maikarabelo le ditshwanelo tsa ditokololo
Lenaane la ditokololo
Dituelo tsa botokololo
Dikopanokakaretso tsa ngwaga le ngwaga
Maikarabelo, ditiro le dithata tsa kopanokakaretso ya ngwaga le ngwaga
Dikitsiso tsa kopanokakaretso ya ngwaga le ngwaga
Khoramo
Lenanetema le metsotso
Go tlhopha
Go tlhopha ba ba nnang mo kantorong
Dikanego tsa Ditšhelete
Dikopanokakaretso tse di kgethegileng
Ditshwanelo tsa go bitsa Kopanokakaretso e e kgethegileng
Thulaganyo ya go bitsa Kopanokakaretso e e kgethegileng
Khoramo ya Kopanokakaretso e e kgethegileng
Go tlhopha kwa Kopanokakaretsong e e kgethegileng
Kopanokakaretso ya Kwatara
Thulaganyo ya go bitsa Kopanokakaretso ya Kwatara
Khoramo ya Kopanokakaretso ya Kwatara
Go tlhopha kwa Kopanokakaretsong ya Kwatara
Kgwebo kwa Kopanokakaretsong ya Kwatara
Kopano kakaretso ya ditokololo
Ditšhelete le Boruni jwa Kwa Ntle
Akhaonte ya banka
Dituelo tsa botokololo tsa ngwaga le ngwaga
Ngwaga wa ditšhelete
Dikanego tsa ditšhelete
Boruni jwa kwa ntle
Thebolo ya ditshenyegelo
Ditiro tsa kgalemo
Thulaganyo ya kgalemo
Thulaganyo ya boikuelo
Thulaganyo ya go tlhagisa dingongorego
Maikemisetso
Komiti ya dingongorego
Thulaganyo e e kannweng ya go tlhagisa dingongorego
Kgato 1: Tharabololo ya kgotlhang
Kgato 2: Thuanyo
Kgato 3: Tsereganyo
Paakanyo ya Molaotheo
Kopanyo
Mametlelelo:
Foromo ya go tlhagisa ngongorego
Molao wa maitsholo
Tiro
Lebelela Tiro 2 Mojule 5 mo Bukeng ya Tiro
DITIRO
Buisa le go sobokanya diteng tsa dintlhatheo tse di latelang tse di tlhagisitsweng mo Molaotheong wa SANTACO.
Dira tlhagiso go setlhopha sotlhe
NTLHATHEO 18: MELAO LE MELAWANA
Tshobokanyo
NTLHATHEO 19: LEANO LA TATELANO FA GO KA NNA LE GO FELELWA KE BOKGONI JWA GO TSWELELA PELE GONGWE LESO
NTLHATHEO 20: DIKGWEBO
NTLHATHEO 21: DIPAAKANYO
NTLHATHEO 22: KHONFERENSE E E KGETHEGILENG
MOLAOTHEOPOTLANA O O KANNWENG WA MEKGATLHO YA DITHEKESI
Dirisa lekwalo la gago la Molaotheo go bona dikarabo tsa dipotso tse di latelang:
Potso 1. A tiro e e latelang ke nngwe ya maikemisetso a a tlhalositsweng a mokgatlho?
Go netefatsa gore ditokololo di dira mo taolelong ya dilaesense tsa tsona tsa tiro le mo molaong ka kakaretso?
Potso 2. Tokololo ya Komitikhuduthamaga e tshwanetse go nna mo kantorong sebaka se se kana kang mme gona a o ka tsenela go tlhophiwa gape?
Potso 3. Naya ditiro di le tharo tsa Komitikhuduthamaga
Potso 4. Seabe sa Komiti ya Tsamaiso ke sefe mo Katisong le Tlhabololo mme gona ke ditokololo di le kae tse di tshwanetseng go nna mo komiting eno?
Potso 5. Tlhalosa seemo se le sengwe se mo go sona botokololo bo ka khutlisiwang.
Potso 6. Ke ditokololo di le kae tse di dirang khoramo fa go na le Kopanokakaretso ya ngwaga le ngwaga?
Potso 7. Tlhalosa thulaganyo ya go tlhopha kwa Kopanokakaretsong e e kgethegileng.
Potso 8. Ke ditokololo di le kae tse di tshwanetseng go nna le seabe mo go bulweng ga Akhaonte ya Banka ya mokgatlho?
Potso 9. Ke ditokololo di le kae (%) tse di tshwanetseng go nna gona gore go dirwe tshwetso ya go phatlhalatsa Mokgatlho?
Setshwantsho sa batho ba ya kwa thekesing mme go na le letshwao la tsela
LETLHOMESO LA BOSETŠHABA LA BORUTEGI
MOJULE ONO O KA GA ENG?
Mojule ono o ka ga go tlhaloganya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Fa re tsweletse go ya le mojule ono re tla simolola go lemoga gore:
goreng go tlhamilwe Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi banni le seabe ba ba farologaneng ba ba nang le seabe seemo sa borutegi le ka moo motho a ka ikungwelang molemo ka teng mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi
Setshwantsho sa sealogane
Tlatsa tiro e e tshwanang e e tla go gakololang gore popegotheo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le ka ga eng.
Tlhalosa diemo tse di tla go thusang go araba dipotso tse di malebana le thuto e e ntseng e le gona le tlhatlhobo
Re itsese Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Maikaelelo a kitsiso eno ke go go tlamela ka lemorago le le tla go kgontshang go latela dipuisano le dipopego tse di nang le seabe mo thutong le katiso.
Fano, re tla go itsese ka boripana, dipopegotheo tse di farologaneng le ditsela tse di tlhomilweng go netefatsa gore go nna le thuto le katiso ya boleng.
Ka jalo, go latela motheo o re tla o dirisang jaaka motswedi fa re ntse re tsweletse go lebelela Dimojule tsa 6, 7 le 8.
TETA
Batlamedi (ba ba tlhomamisitsweng)
Batlhatlhobi
Balekanyetsi
Lefelo la Tiro Moithuti
Popegotheo ya thuto e e tla kgontshang batho go fitlhelela thuto le katiso ya boleng
Motho wa semolao"
E netefatsa go tsenngwa tirisong ga NQF
E kwadisa borutegi
E supa ditlhokego tsa lephata
Katiso le Tlhabololo
E ntsha tšhelete ya thuso
E tlhagisa seemo sa diema le borutegi
Ba tlamela ka katiso
Tlhokomela
Netefatsa Boleng
Go tlhaloganya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Mo karolong eno o tla:
Bontsha go tlhaloganya gore Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le akantswe jang le gona goreng le ne la akanngwa.
Tlatsa setshwantsho se se bontshang kamano magareng ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le Bothati jwa Aforika Borwa jwa Borutegi
Thadisa lenaane la diteng tsa Melao e e tlhamileng Bothati jwa Aforika Borwa jwa Borutegi
Thadisa lenaane la ditiro tsa di-SETA le TETA mo thulaganyong ya tlhabololo le taolo.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi ke mokgwa o montšhwa wa thuto le katiso. Le go tlamela ka tshono ya go ithuta, go sa kgathalesege gore o bogolo jo bo kae, maemo a gago le seemo sa thuto le katiso e o kileng wa e bona. Seno se bidiwa thuto ya botshelo jotlhe. Letlhomeso la Bosetšhaba le kopanya maphata a thuto a a sa bolong go aroganngwa. Seno se bidiwa mokgwa o o kopaneng wa thuto le katiso. Thuto e tsewa jaaka lephata la go ithuta moo o ikungwelang kitso. Katiso e tsewa jaaka lephata la go ithuta moo o ikungwelang bokgoni.
Mo pakeng ya 1989 - 1994, COSATU, bathapi, batlamedi ba thuto le katiso, mokgatlho wa ANC le Tikwatikwe ya Tlhabololo ya Pholesi ya Thuto, ba ne ba simolola go lebelela ditsela tsa go tokafatsa thuto le katiso mo Aforika Borwa.
Ka Moranang wa 1994, go ne ga tlhomiwa setlhopha sa tiro se se neng se dirwa ke ditokololo tsa Boto ya Bosetšhaba ya Katiso, dikgwebo, mekgatlho ya badiri, mmuso le batlamedi ba thuto le katiso. Morago ga dikopano di le dintsi, dingangisano le dipegelo, go ne ga tlhagisiwa lekwalo la dipuisano le le neng le bidiwa Maiteko a Togamaano ya Katiso ya Bosetšhaba . Le ne le akaretsa ditshitshinyo tsa go tswala sebaka magareng ga thuto le katiso. Katlenegiso e kgolo e ne e le ya go tlhama Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Setshwantsho sa batho ba le mo kopanong
Ngwaga morago ga moo, lekwalo la puso la pholesi e leng Pampiritshweu ya Thuto le Katiso ya 1995, le ne la tlhagisa dintlha ka ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa jo bo itsegeng ka SAQA. Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Molao wa bo58/1995) o ne wa fetisiwa ka la 4 Diphalane 1995. Molao ono o naya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa maatla a go tlhoma le go tlhokomela Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Ee! Diphetogo di bontsha dintlhatheo tse di tla kaelang tiro e e ka ga tlhabololo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi go lemoga ponelopele ya tlhabololo ya badiri, phitlhelelo, tekatekano le tshiamiso.
Nta re go neye dikai di se kae tsa dintlhatheo tseno gore o kgone go tlhaloganya botlhokwa jwa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Ntlhatheo
Sekai
Boikanyego
Seno se kaya gore seemo le borutegi jo bo tlhomilweng ke Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi di tla lemogwa le go amogelwa bosetšhaba le boditšhabatšhaba.
Kopanyo
Le kopanya thuto le katiso. Ka mokga ono o kgona go nna le motsamao o o bonolo go tswa mo lefelong le lengwe la thuto go ya go le lengwe.
Temogo ya thuto ya pele
Ka Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi, o ka nna le temogo ya thuto e e diragetseng e ka nna mo seemong se se fomale gongwe se se seng fomale. O tla tlhatlhobiwa mo go se o se ithutileng mme o bewe mo legatong le le maleba la thuto le katiso.
Tshepo o dirile mo faboriking ya dipente dingwagangwaga e le motlhokomedi. O ne a romelwa kwa dikhosong di le mmalwa tse dikhutshwane tsa tsamaiso ya badiri mme o na le ditifikeiti dingwe. O dirile dikopo di le mmalwa tsa tiro mme a bolelelwa gore ditifikeiti tsa gagwe ga di tsewe tsia.
Mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi, maitemogelo a ga Tshepo mo tsamaisong ya badiri gammogo le dikhoso tse di khutshwane tse a di dirileng, di ka tlhatlhojwa, tsa lemogwa mme a fiwa dikeretiti. A ka dira mo lefapheng la tsamaiso ya badiri mo setlamong moo bokgoni jwa gagwe jwa setegeniki gammogo le maitemogelo a gagwe a botlhokomedi, le kgatlhego ya gagwe ya go thusa badiri, di ka dirang gore a tsewe a na le borutegi jo bo mo letlang go dira tiro ya badiri.
Phitlhelelo
Sipho e ntse e le mokgweetsi wa thekesi sebaka sa dingwaga di le nne mo Johannesburg.
Mo leetong la gagwe la bofelo, o ne a amega mo kotsing e e dirileng gore a latlhegelwe ke leoto mme ka jalo a seke a tlhola a kgona go kgweetsa. Fa a ne a sa ntse a kgweetsa, o ne a nna le kgatlhego e kgolo mo dilwaneng tsa motlakase mme go le gantsi o ne a baakanya dilwana le go tsenyetsa batho dilwana tsa motlakase mo matlong a bona. O ne a ithuta go le gontsi.
Go na le go phutha mabogo kwa lapeng a ipolelela gore go fedile ka ena, a ka swetsa go katisiwa jaaka ramotlakase. Go ka tlhatlhobiwa bokgoni jo a bo boneng jo bo ka mo thusang go wetsa khoso mme a ka newa dikeretiti tsa seno.
Dintlhatheo tse dingwe tse di botlhokwa fela jalo le tsona di tlhagisiwa fa tlase ntle le ditlhaloso.
Batla tshedimosetso e nngwe malebana le tsona mme o tla simolola go lemoga mosola wa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi!
Bonnete; Maleba; Kobego; Tswelelopele; go sutisega; kgolagano
Popego ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Legato la Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Bente
Mofuta wa borutegi
Thuto le Katiso e Kgolwane
Dipatlisiso tsa morago ga borutegi jwa bongaka
Borutegi jwa bongaka
Didikerii tsa Mmasetara
Borutegi jwa Porofešenale
Didikerii tsa Ntlha tsa Bosetšhaba
Didipoloma tsa Bosetšhaba
Ditifikeiti tsa Bosetšhaba
Thuto le Katiso e e latelang
Thuto le Katiso e e Latelang
Ditifikeiti tsa Bosetšhaba
Setifikeiti sa Thuto le Katiso ka Kakaretso
Tiro
Lebelela buka ya tiro: Mojule 6, Tiro 1 Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Nka bona mosola jang go tswa mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi?
Setshwantsho 1:
Moithuti wa mogolo yo o badileng Mophato wa 6
Ke nna Thabo mme ke na le dingwaga di le 25. Ke dule mo sekolong morago ga go bala Mophato wa 6. Ke mokgweetsi wa thekesi mme ke eletsa go nna mmalatlotlo.
Thabo o tlhoka go tlhagola tsela ya go ithuta gore a kgone go bona borutegi mo benteng ya Thuto le Katiso e e Latelang. Go tla tlhatlhobiwa maitemogelo a gagwe le dithuto tse a di dirileng kgatlhanong le dipoelo tsa thuto le seemo sa tlhatlhobo. Mme jaanong a ka tlhopha lephata le le maleba mo benteng ya Thuto le Katiso e e Latelang mme fa a setse a atlegile mo legatong la 4, a ka tswelela ka tselana ya thuto ya gagwe.
Setshwantsho 2
Ke nna Vusi mme ga ke bolo go dira jaaka motsamaisi wa maboriki mo indasetering ya boenjiniri dingwaga di le mmalwa. Bathapi ba me ba nthometse kwa dikhosong kwa tikwatikweng ya katiso ya setlamo sa rona go tokafatsa bokgoni jwa me mme ke amogetse ditifikeiti. Ga jaana setlamo sa rona se rulaganngwa sešwa mme ke tshogile gore go ka nna le kgaolo ya badiri. Ke eletsa go dira dikopo tsa diphatlhatiro kwa indasetering e nngwe, fela ke boleletswe gore ditifikeiti tsa me di ka seke tsa tsewa tsia. Ke eletsa go dira ka diatla, e ka nna jaaka fitara gongwe thenara. A go tla lebelelwa bokgoni le kitso ya me, a gongwe ke tla tshwanelwa ke go simolola sengwe le sengwe kwa tshimologong?
Mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Borutegi, dikeretiti tsa ga Vusi di tla kwadisiwa mo rekotong ya gagwe ya thuto. O tla kgona go fetisetsa tse di maleba mo tirong e ntšhwa gongwe mo seemong se sentšhwa sa go ithuta. Ka dikeretiti tseno tse di tsewang tsia, a ka tswelela ka tselana ya ga gagwe ya ga jaana ya thuto mo indasetering e nngwe gongwe a tlhopha tselana ya go ithuta gore a rutege go ka dira ka diatla.
Batho ba suta jang go ralala magato a a farologaneng?
O tla bona jang borutegi jwa gago?
Dikai tsa borutegi:
Setifikeiti sa Thuto le Katiso ya kakaretso (Legato 1)
Setifikeiti sa Thuto le Katiso e e Latelang: Ramotlakase (Legato 4)
Dipoloma ya Bosetšhaba ya Borutabana (Legato 5)
Dikerii ya Saense (Legato 6)
Go supilwe dintlha tse di latelang tsa ditlapele mo indasetering ya Dithekesi:
Tlhokomelo ya badirisi go lebeletswe batlhankedi ba renke
Katiso ya tsamaiso ya kgwebo go lebeletsw beng ba dithekesi
Kgweetso ya Seporofešenale le tsamaiso ya dithoto
Tiro
LETLHOMESO LA BOSETŠHABA LA BORUTEGI
Dira gore mafoko a a mo kholomong A a tsamaelane le megopolo/dipolelo tse di mo kholomong B. Kwala nomoro e e mo Kholomong A le tlhaka e e tsamaelanang nayo mo Kholomong B.
Kholomo A
Mafoko
Kholomo B
Megopolo
Keretiti
A. Poelo ya thulaganyo ya go ithuta e e malebana le se o ka se dirang le se o se itseng
Tselana ya go ithuta
B. Setlhopha ka bophara sa magato a thuto le katiso, se se ka akaretsang go feta legato le le lengwe la borutegi
Legato
C. Go bontsha ditlhokego tsa tlhabololo ya go ithuta ya bana mo karolong ya bente e e patelediwang ya sekolo ya bente ya thuto le katiso ya kakaretso
Dipoelo
D. Leano la go ithuta le o le tlhokang gore o tswelele pele mo tselaneng ya borutegi e o e tlhophileng
Bente
E. Tsela ya go lekanyetsa se o se tlhaloganyang
Kgato
F. Temogo ya gore o fitlheletse dipoelo tsa yuniti ya tiro
Tlhatlhobo
G. Seemo mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Thuto se mo go sona go rebolwang borutegi
O ka baya batho ba ba latelang fa kae mo popegong ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi?
a Modiri wa mo gae yo o falotseng Mophato wa 3 Kereiti 5
b Caroline yo o nang le dingwaga di le 35 mme a dule mo sekolong morago ga Mophato wa 6 Kereiti 8?
c Mokgweetsi wa thekesi yo o falotseng Mophato wa 8 Kereiti 10 mme a batla go tswelela pele go ithuta d Mokgweetsi wa thekesi yo o weditseng lekwalo la matiriki mme a batla go ithuta kwa Thekenikhoneng.
Popego ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Legato la Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Bente
Mofuta wa borutegi
Thuto le Katiso e Kgolwane
Dipatlisiso tsa morago ga borutegi jwa bongaka
Borutegi jwa bongaka
Didikerii tsa Mmasetara
Borutegi jwa Porofešenale
Didikerii tsa Ntlha tsa Bosetšhaba
Didipoloma tsa Bosetšhaba
Ditifikeiti tsa Bosetšhaba
Thuto le Katiso e e latelang
Thuto le Katiso e e Latelang
Ditifikeiti tsa Bosetšhaba
Setifikeiti sa Thuto le Katiso ka Kakaretso
O eletsa go nna fa kae mo popegong ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi?
A go kgonega gore o tokafatse borutegi jwa gago fa o ntse o le mokgweetsi wa thekesi?
TETA e tlamela ka eng se se tla nthusang go tokafatsa borutegi jwa me?
Kgetse ya Thutopatlisiso
Sipho o dira mo lebakeng. O tlogetse sekolo fa a fetsa Mophato 8 (Kereiti 10) go tlamela lelapa la gaabo. O eletsa go nna mmalatlotlo fela ga a na bonnete jwa gore a o tla kgona tshwanela kwa go boela sekolong. O setse a iponetse maitemogelo a mantsi mo tirong ya go bobalatlotlo fa a ntse a dira kwa lebakeng.
Karabo ya bothata jwa ga Sipho e ka rarabololwa go ya ka popego ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Go tla tlhatlhobiwa pele thuto ya pele ya ga Sipho go bona gore o itseng le gore a ka kgona go dira eng.
Fa a ka bontsha gore o na le bokgoni, gona a ka simolola tselana ya borutegi e e tla mo lebisang ka tlhamalalo kwa boruteging jo a bo itlhophetseng.
A ka nna a seke a tlhoka go boela kwa sekolong gotlhelele mme a a ka nna le dikeretiti di le mmalwa tse di lemogwang gore a bone borutegi jwa gagwe jwa bobalatlotlo.
Potso:
Thuto ya pele e kaya eng?
Tlhatlhobo ke eng?
Dintlhatheo tsa Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi.
Lefoko ntlhatheo le kaya eng?
Tlhalosa dintlhatheo tse di latelang tse di mo teng ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi:
Kopanyo
Phitlhelelo
Setshwantsho le letshwao la TETA
Setshwantsho sa toropo, batho , thekesi le letshwao la tsela
Mojule ono o ka ga eng?
Letshwao la Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa
Mojule ono o malebana le go tlhaloganya gore Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa jo bo itsegeng ka SAQA bo simologile jang, dipopegotheo le dipopegotheo-potlana tse di mo bothating, tse bo ikarabelang ka tsona le gore ditiro tsa jona ke dife.
Mojule ono gape, ka ditiro tse di newang, o tla kgona go bontsha ka moo go dirwang dimateriale le borutegi ka gona gammogo le dikgato tse di tsewang go netefatsa gore go tlamelwa ka boleng.
Tlhagisa lenaane la ditiro tsa SAQA
Bontsha go tlhaloganya dipopegotheo le dithulaganyo tse di rulaganyeditsweng go netefatsa gore go tlamelwa ka mananeo a boleng a bokgoni, Seemo sa mophato le borutegi.
Go sekaseka lenaneo la tekeletso le le rulagantsweng le go tlhagisiwa sešweng jaana la katiso ya bakgweetsi gore re kgone go lekanyetsa dintlha tsa boleng le dikgato tse di tserweng fa go akanngwa le go tlhagisiwa lenaneo.
Go bontsha go tlhaloganya dikgato tse borutegi gongwe seemo sa mophato se dirilweng ka gona go netefatsa gore go ikobelwa seemo se se amogelesegang le ditlhokego.
MOLAO wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa wa bo58 wa ngwaga wa 1995
Mo Mojule 6 re lemogile gore ke ka ntlha ya eng le gore Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le tlile jang. Ga re a bua sepe ka gore le tla tsamaisiwa le go laolwa jang.
Maikemisetso a Molao wa SAQA e ne e le go tlamela Bothati (motho wa molao) jo bo tla tshegetsang maitlhomo a Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi, e leng:
Go tlhama letlhomeso le le kopaneng la bosetšhaba go tsweletsa diphitlhelelo tsa go ithuta
Go gokaganya phitlhelelo le motsamao mo thutong le katiso gammogo le ditselana tsa borutegi
Go itlhaganedisa go siamisa tsa maloba
Go nna le seabe mo tlhabololong ya moithuti mongwe le mongwe gammogo le ya tlhabololo ya loago le ikonomi ya setšhaba.
Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi Letlhomeso la Kgopolo
Tlhabolola
Laola
A i Go ela tlhoko tlhabololo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi, le ii Go tlhama le go phasalatsa dipholesi le ditlhokego tsa:
Go kwadisiwa ga ditheo tse di nang le maikarabelo a go tlhama seemo sa thuto le katiso gongwe borutegi
Go tlhomamisa ditheo tse di nang le maikarabelo a go tlhokomela le go runa diphitlhelelo go ya ka seemo le borutegi jwa go nna jalo.
B Go ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi, go akarediwa i Go kwadisiwa ga seemo sa bosetšhaba le borutegi ii Go netefatsa gore seemo le borutegi jo bo kwadisitsweng di ka bapisega le tsa boditšhabatšhaba iii Dikgato tsa go netefatsa gore go ikobelwa ditlamelo tsa tlhomamiso le
C Go gakolola Tona mo mererong e e amang go kwadisiwa ga seemo le borutegi. Le
D Go rwala maikarabelo a taolo le ditšhelete tsa Bothati
Gape Molao o lebelela merero e tshwana le:
Ditokololo tsa Bothati
Seno se lebeletse batho ba ba farologaneng ba ba nang le kitso ya boitseanape mo maphateng le ba ba supilweng ke mekgatlho e e rileng ya bosetšhaba gongwe ba supilwe ke Mokaedi Kakaretso, Boto ya Bosetšhaba ya Katiso, porofešene e e rulaganeng ya borutabana, Dithekenikone le di Yunibesithi, mekgatlho ya badiri, gammogo le ditokololo tse di thapilweng ke Tona.
a rwala maikarabelo a Bothati gore bo tsweletse ditiro tsa jona go ya ka Molao b tlhokomela batlhankedi le badiri ba Bothati c nna motlhankedi yo o ikarabelang wa Bothati yo o ikarabelang ka ditšhelete tse di amogelwang, dituelo tse di dirilweng le dithoto tse di sutisegang tse di rekilweng ke Bothati
Ga go tlhokege gore re tlhalose dintlha tse di ka ga merero e e latelang e e fitlhelwang mo Molaong.
Dithata tsa Bothati
Dikopano tsa Bothati le dikomiti
Go tlogela ofisi ga ditokololo tsa Bothati
Matlole a Bothati
Batlhankedi le badiri ba Bothati
Ditetlo le dituelo tsa ditokololo tsa Bothati le dikomiti
Boruni le dipegelo tsa ngwaga le ngwaga
Melawana
Ditlamelo tsa kgabaganyo tse di malebana le ditheo tse di ntseng di le gona.
Tiro eno e lebelela ka moo Molao o amang:
Tlhabololo ya borutegi, seemo sa mophato le mananeo.
Netefaletso ya boleng mo tlamelong
Tiro (letshwao)
Lebelela buka ya tiro: Mojule 7, Tiro 1,2 & 3
Setshwantsho se se mo tsebeng e e latelang se tla supa dikamano tsa dikarolo tse di farologaneng tse di dirang letlhomeso le lentšhwa la thuto:
Tiro (letshwao)
Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa wa 1995
Dirisa lenaane la go tlhola ka fa tlse go bona gore a o ka kgona go supa maikemisetso a go itsese Molao.
Tshwaya lebokoso le o akanyang gore le nepagetse. O ka lebelela Mojule 7 gongwe Molao wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA)
Ee
Nnyaya
Molao o dira tlamelo ya go tlhabololwa le go tsenya tirisong ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Molao o dira tlamelo ya go tlhamiwa ga motho wa semolao yo o bidiwang Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (SAQA)
Bothati bo tla ela tlhoko go tlhabololwa ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Bothati bo tla tlhama le go phasalatsa ditlhokego tsa:
Go kwadisiwa ga ditheo tse di tla rwalang maikarabelo a go tlhama seemo sa thuto le katiso gongwe borutegi
Bothati bo tla ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi
Tiro e e latelang e diretswe gore o kgone go tlhaloganya dipopegotheo gongwe dikgato tse di tshwanetseng go dirisiwa fa go tlhamiwa mananeo a go ithuta go tswa mo seemo sa mophato gongwe borutegi.
O tla dirisa mafoko a o tlametsweng ka ona go tlatsa setshwantso se se go bontshang dikgato tsa go tlhama Mananeo a Go Ithuta a a amogelesegang.
Seemo sa Yuniti/borutegi SETA
MOTLAMEDI LENANEO LA GO ITHUTA
TLHOMAMISA MOITHUTI BATLHATLHOBI
BALEKANYETSI
Tiro 4: Katiso ya bakgweetsi
O batla go dira khoso ya go kgweetsa seporofešenale. Baya dikgato tse di latelang gore di latelane ka tshwanelo gore o kgone go dira jalo:
Badiri ba ka tlhama popegotheo ya kgaolo mme ba ikwadisa e le setlamo.
Leano la Bokgoni la Tiro le saeniwa ke baemedi ba badiri le setlamo.
Popegotheo ya Kgaolo e ka thapa Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni.
TETA e thapa Motlamedi wa Katiso
Leano la Tlhabololo ya Bokgoni la Kgaolo le ka tlhagisetsa TETA Leano la Bokgoni jwa mo Tirong.
TETA e tlhomamisa Motlamedi.
Popegotheo ya Kgaolo e duela Lekgethwana la Bokgoni
Popegotheo ya Kgaolo e amogela nomoro ya lekgethwana
Setshwantsho le letshwao la TETA
Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni wa 1998
Molao wa Lekgethwana la Bokgoni
MOJULE ONO O KA GA ENG
Mo Mojuleng ono re ya go batlisisa gore Melao eno e dira jang gore go kgonagale gore katiso le tlhabololo di tlamelwe ka matlole kwa ditirong.
Go tlamela ka letlhomeso la mo setheong go dira le go tsenya tirisong maano a bosetšhaba, ditheo le mafelo a tiro go tlhabolola le go tokafatsa bokgoni jwa badiri ba Aforika Borwa; go kopanya maano ao mo letlhomesong la Bosetšhaba la borutegi le le kabakanngwang mo Molaong wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa wa 1995; go tlamela ka boithutelatirong jo bo lebisang kwa boruteging jo bo lemogwang jwa tiro; go tlamela gore go nne le tlamelo ya ditšhelete ya tlhabololo ya bokgoni ka sekema sa lekgethwana le Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni; go tlamela gore go nne le, le go laola ditirelo tsa bothapi; le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseno
Bontsi jwa banni le seabe mo indasetering ya Dipalangwa ba amogetse molao wa tlhabololo ya bokgoni mme ba dirile tlhabololo ya bokgoni go nna karolo ya botlhokwa ya maano a bona a kgwebo.
Ka jalo re tla sekaseka dintlha tse di maleba tsa Melao eno go leka go go lemosa ka dikgato tse di tsewang go tlhama maano a bokgoni kwa ditirong le ka moo mothapi a ka ungwang mosola ka gona ka go nna le seabe.
Dira lenaane la mesola ya Molao mo banning le seabe ba ba farologaneng
Dira lenaane la ditiro/ dikgato tse di tshwanetseng go tsewa ke TETA go netefatsa gore go tsenngwa tirisong leano la bokgoni la lephata le le mo letlhomesong la leano la Tlhabololo ya Bosetšhaba ya Bokgoni.
Tlhalosa Leano la mo Tirong la Bokgoni go bontsha botlhokwa jwa go loga maano ka tshwaragano magareng ga mothapi le modiri.
Molao wa tlhabololo ya Bokgoni wa 1998
Maikemisetso a Molao ono
Dipoelo:
Mo yuniting eno o tla:
Tlhalosa maikemisetso a Molao le go latelelela ditsela tse maikemisetso ano a ka fitlhelelwang ka gona.
Maikemisetso a Molao
Go tlhabolola bokgoni jwa badiri ba Aforika Borwa-
a go oketsa seelo sa peeletso mo thutong le katiso mo mmarakeng wa badiri le go tokafatsa dipoelo tsa peeletso b go rotloetsa bathapi go tlamela ka lefelo la tiro le le tla dirang jaaka tikologo e e dirisiwang ya go ithuta c go rotloetsa badiri go nna le seabe mo boithutelatirong le mananeo a mangwe a katiso d go tokafatsa kgonagalo ya go thapega ga batho ba ba sa bolong go ikgatholosiwa ka ntlha ya go tlhaolwa le go siamisa dithapolo tseo ka katiso le thuto;
e go thusa badiri go batla go dira le go tsena mo mmarakeng wa bodiri
Maikemisetso ano a tla fitlhelelwa jang?
a go tlhama letlhomeso la setheo le la ditšhelete le le akaretsang b go rotloetsa ditirisanommogo magareng ga maphata a setšhaba le a poraefete a ikonomi go tlamela ka thuto le katiso mo mafelong a tiro c go dirisana mmogo le SAQA
Tiro (letshwao)
Lebelela buka ya Tiro: Mojule 8, Potso 1
Bothati jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni
Dipoelo:
Mo yuniting eno o tla:
tlhaloganya seabe sa Bothati jwa Bosetšhaba jwa bokgoni
Lebelela setshwantsho sa gore Bothati jwa Bosetšhaba jwa bokgoni bo beilwe fa kae mo popegotheong ka kakaretso (tsebe ya bofelo ya Kgaolo 1)
Seabe sa Bothati jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni:
a Go gakolola Tona ka:
i pholesi ya bosetšhaba ya tlhabololo ya bokgoni ii leano la bosetšhaba la tlhabololo ya bokgoni iii kaedi ya go tsenngwa tirisong ga leano la bosetšhaba la tlhabololo ya bokgoni iv kabo ya matlole go tswa mo Letloleng la Bosetšhaba la Bokgoni le v melawana e e tshwanetseng go dirwa b Go golagana le di-SETA ka ga-
i pholesi ya bosetšhaba ya tlhabololo ya bokgoni ii leano la bosetšhaba la tlhabololo ya bokgoni c Go begela Tona ka ga tswelelopele e e dirilweng malebana le go tsenngwa tirisong ga leano la bosetšhaba la tlhabololo ya bokgoni d Go batlisisa merero mengwe le mngwe fela e e tlhagelelang go tswa mo tirisong ya Molao le e go Diragatsa dithata le maikarabelo jaaka go tlhagisitswe mo Molaong
Tiro (letshwao)
Lebelela buka ya tiro: Mojule 8, Potso 2
Bothati jwa Thuto le Katiso jwa Maphata
Seta
Dipoelo
Mo yuniting eno o tla:
kgona go tlhalosa ditiro tsa di-Seta tlhalosa ka moo di-Seta di tlamelwang ka ditšhelete ka gona
DITIRO TSA SETA
SETA e tshwanetse:
a Go dira leano la tlhabololo ya lephata mo letlhomesong la leano la bosetšhaba la bokgoni b Go tsenya tirisong leano la yona la bokgoni jwa lephata c Go rotloetsa boithutelatirong d Go kwadisa ditumelano tsa boithutelatirong e Go koleka le go duelela makgethwana a tlhabololo ya bokgoni mo lephateng la yona f Go golagana le Bothata jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni g Go begela Mokaedi Kakaretso h Go thapa badiri i Go dira tiro e nngwe le e nngwe fela jaaka Molao ono o laela
Tiro (letshwao)
Lebelela buka ya tiro: Mojule 8, Potso 2
DITŠHELETE TSA SETA
SETA E TLAMELWA KA DITŠHELETE GO TSWA GO:
a makgethwana a tlhabololo ya bokgoni a a kolekiwang go tswa mo lephateng la yona lebelela setshwantsho mo tsebeng e e latelang b dithuso tsa tšhelete, dikabelo le boswa jo e bo bo abetsweng c letseno le le bonwang ka ntlha ya tirelo e e dirilweng d letseno le le bonwang mo mading a tlaleletso a a beeleditsweng j.j.
Tšhelete e e amogelwang ke SETA e ka dirisediwa fela go ya ka mokgwa o o rebotsweng le go dira ditiro tsa yona le go duelela tsamaiso mo dipeelong tse di beilweng.
Lekgethwana la Tlhabololo ya Bokgoni
MORANANG 2001
% ya Dituelo
TLAMELO YA DITŠHELETE TSA TLHABOLOLO YA BOKGONI
Mo maitekong a go tsenya tirisong katiso ya bokgoni mo mafelong a tiro le go fokotsa mokgweleo wa ditshenyegelo tsa katiso, go itsisitswe tsamaiso ya lekgethwana go rotloetsa ditlamo go nna le seabe.
Ditlamo di tla tshwanela go fitlhelela ditlhokego tse di rileng tsa go amogela dithuso tsa ditšhelete tse di tshwanetseng go rebolwa. Badiri ba SETA ba tla dirisa ditlhokego tseno fa ba sekaseka Maano a mo Tirong a Bokgoni.
THUSO YA TŠHELETE YA LEANO LA MO TIRONG LA BOKGONI
SETA YA TETA e ka duela thuso ya tšhelete ya leano la mo tirong la bokgoni go mothapi mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng yo o:
Kwadisitseng Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni yo o thapilweng morago ga go batla maikutlo a badiri gongwe baemedi ba bona.
Tlametseng SETA ka tshedimosetso yotlhe e e maleba tebang le Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni go ya ka foromo e e rebotsweng.
Tlhagisang leano la bokgoni la mo Tirong le le nang le ditlhokegopotlana tse di latelang ka letlha le le beilweng ke SETA:
Nomoro ya SARS le nomoro ya Lekgethwana la Tlhabololo ya Bokgoni (SDL)
Leina le dintlha tsa kgolagano ka botlalo tsa mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni
Ditlapele tsa ngwaga le ngwaga tsa bokgoni
Ba ba nang le ditshiamelo ba ba tla tlamelwang ka bokgoni
Porofaele ya badiri fa e le gore e ne e sa tlhagisiwa mo ngwageng o o fetileng
Tshekatsheko ya tlhokego ya bokgoni le ditlhokego tsa katiso mo setlamong
Mesaeno ya motho yo o letleletsweng mo setlamong gammogo le Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni le moemedi wa badiri (ntlha ya bofelo e maleba fela mo setlamong se se nang le badiri ba ba fetang 50)
Dikhopi tsa tshimologo di romelwa wa SETA ya TETA
Tšhelete ya thuso e ka lekana le bokana ka ...% ya makgethwana a a duetsweng ke mothapi mo ngwageng o o wa ditšhelete.
TŠHELETE YA THUSO YA GO TSENYA TIRISONG BOKGONI MO TIRONG
SETA ya TETA e ka duela mothapi tšhelete ya thuso ya go tsenya tirisong bokgoni mo tirong fa mothapi yo o a:
Na le tshiamelo ya go amogela tšhelete ya thuso ya togamaano ya mo tirong
A tlhagisitse pegelo e e malebana le go tsenya tirisong leano la bokgoni jwa mo tirong e e nang le tshedimosetso e e latelang:
Dintlha tse di ka ga setlamo le mogokaganyi wa tlhabololo ya Bokgoni
Mananeo a thuto le katiso a a diragaditsweng mo ngwageng wa ditšhelete (1 Moranang 2003 - 31 Mopitlwe 2004)
Pegelo malebana le ba ba nnileng le tshiamelo ya katiso e e diragaditsweng
Bosupi jwa gore go itepatepantswe le ditlapele tsa lephata
Bosupi jwa gore go nnile le go itepatepanya le ditlapele tsa tekatekano
Mesaeno ya tetla
Tšhelete ya thuso e ka lekana le bokana ka ...% ya makgethwana a a duetsweng ke mothapi mo ngwageng o o wa ditšhelete.
TŠHELETE YA THUSO YA BOITLHOPHELO
SETA ya TETA e ka diriswa letseno la lekgetho le le setseng, go akarediwa tšhelete e e sa direlwang dikopo ke bathapi malebana le ditšhelete tsa thuso tsa lekgethwana, go aba ditšhelete tsa thuso ya boitlhophelo:
Ditšhelete tsa thuso tsa boithutelatirong - SETA ya TETA e ka aba bokana ka 80% ya tšhelete eno ya thuso go dithuso tsa baithuti ba ba mo Lenaneong la Boithutelatirong
Ditšhelete tsa thuso tsa Barulaganyi ba Bokgoni - SETA ya TETA e ka aba bokana ka 10% ya tšhelete eno ya thuso gore go tlhabololwe Mananeo a Bokgoni
Maiteko a HIV/AIDS - SETA ya TETA e ka abela bokana ka 10% ya tšhelete eno ya thuso go maiteko a HIV/AIDS mo lephateng
Boithutelatirong
Dipoelo:
Mo yuniting eno o tla:
Lebelela foromo ya tumelano ya boithutelatirong le go tlhaloganya maikemisetso a go itsese boithutelatirong.
Molao le boithutelatirong.
Molao o lebelela gore goreng boithutelatirong bo ne bo tshwanetse go tlhamiwa le gore go tshwanetse go tlhamiwa, kwadisiwa le go tsamaisiwa jang.
Boithutelatirong bo tla akaretsa karolo e e rulagantsweng sentle ya go ithuta e e akaretsang maitemogelo a mo tirong ya mofuta le sebaka se se totobaditsweng.
Boithutelatirong bo tla lebisa kwa boruteging jo bo kwadisitsweng ke SAQA mme bo le malebana le mofuta wa tiro.
Ditumelano tsa Boithutelatirong
Tumelano ya boithutelatirong ke lekwalo le le tlamang semolao magareng ga -
Moithuti
Mothapi le motlamedi wa katiso.
E tladiwa mo foromong e e rebotsweng mme e kwadisiwa le SETA ka mokgwa o o rebotsweng.
Gape Molao o lebelela:
Dikonteraka tsa tiro le moithuti dikarolo tsa 18 le 18 le dikgotlhang tse di tlhagelelang
Tiro (letshwao)
Lebelela buka ya tiro: Mojule 8, Potso 3
Go latela tshobokanyo ya merero e mengwe e e amanang le Molao e re ka sekeng ra e sekaseka mo nakong eno:
Kgaolo 5: Mananeo a Bokgoni
Kgaolo 6: Ditheo tse di mo Lefapheng la Badiri
Kgaolo 7: Tlamelo ya Ditšhelete ya Tlhabololo ya Bokgoni
Kgaolo 8: Ka kakaretso
Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni
Fa tlase go na le polelo ya tshobokanyo ya Molao.
Buisa polelo eno mme o dire ditshwaelo ka boripana mo go nngwe le nngwe ya tse di latelang:
Go tlamela ka letlhomeso la mo setheong go dira le go tsenya tirisong maano a bosetšhaba, ditheo le mafelo a tiro go tlhabolola le go tokafatsa bokgoni jwa badiri ba Aforika Borwa; go kopanya maano ao mo letlhomesong la Bosetšhaba la borutegi le le kabakanngwang mo Molaong wa Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa wa 1995; go tlamela ka boithutelatirong jo bo lebisang kwa boruteging jo bo lemogwang jwa tiro; go tlamela gore go nne le tlamelo ya ditšhelete ya tlhabololo ya bokgoni ka sekema sa lekgethwana le Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni; go tlamela gore go nne le, le go laola ditirelo tsa bothapi; le go dira tlamelo ya merero e e amanang le tseno
Buisanelang dipotso tse di latelang tse di ikaegileng ka tshobokanyo le tshedimosetso e e fitlhelwang mo dikgaolong tse di maleba tsa Molao, mo setlhopheng sa lona, mme le leke go araba dipotso tse di latelang.
Dirisa tshedimosetso e e mo Molaong ka fa tlase ga dikgaolo tse re go romelang kwa go tsona.
Potso 1: (lebelela Kgaolo 1)
Naya mabaka a le mararo a gore ke eng go le botlhokwa go tlhabolola bokgoni jwa Badiri ba Aforika Borwa.
Tlhagisa mabaka a mangwe a le mane a gore ke eng go ne ga itsesewe Molao ono.
Potso 2: (Kgaolo 2 le 3)
Tlatsa mabokoswana a fa tlase go bontsha kamano magareng ga Bothati jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni le SETA.
Dira tshobokanyo ya ditiro tsa maphata ano a mabedi.
Tlhagisa tshobokanyo eno mo go botlhe ba ba nang le seabe mo setlhopheng.
Potso 3 Boithutelatirong
Kgaolo 4
Boithutelatirong ke eng...
A go na le mananeo a Boithutelatirong mo indasetering ya Dithekesi?...
Fa karabo e le Ee, ke afe?...
Fa karabo e le Ee, o ka a fitlhelela jang?...
Ke maphata afe a a tshwanetseng go saena tumelano ya boithutelatirong?
Potso 4 (Kgaolo 5 Mananeo a Bokgoni)
Mananeo a Bokgoni ke eng? (Buisa tshedimosetso (tsebe 15) mme o kwale thanolo ya setlhopha sa gago) ...
Katiso ya mananeo a bokgoni e tlamelwa jang ka ditšhelete? ...
SETA e tsaya kae tšhelete ya go tlamela mananeo ano? (tsebe 19 Kgaolo 7 le Yuniti 3 ya Manyuale)
Ke mang yo o rweleng maikarabelo a go thadisa leano la bokgoni la mo tirong? Lebelela 3.4 Yuniti 3 Kgaolo 2 ya Manyuale...
Potso 5
Mo lenaaneng le le fa tlase, tlhopha ditiro/dikgato tse di tshwanetseng go diragadiwa ke SETA go netefatsa gore go tsenngwa tirisong leano la bokgoni la lephata le le mo letlhomesong la togamaano ya bosetšhaba ya tlhabololo ya bokgoni.
Sekai;
Kgato
Go tsenya tirisong maano a bokgoni a lephata
Aba ditšhelete tsa thuso go bathapi
Kgato
Rotloetsa boithutelatirong
Supa mafelo a tiro go tsweletsa maitemogelo a mo tirong
Kgato
Gokagana le Bothati jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni
Tlhama mananeo a boithutelatirong
Go amogela le go rebola maano a bokgoni a mo tirong
Go supa mafelo a mo tirong a go tsweletsa maitemogelo a mo tirong
Go tshegetsa go tlhabololwa ga dimateriale tsa go ithuta
Pholesi ya bosetšhaba ya bokgoni
Togamaano ya bosetšhaba ya tlhabololo ya bokgoni
Go aba ditšhelete tsa thuso ka mokgwa o o rebotsweng go bathapi, batlamedi ba thuto le katiso le badiri
Maano a yona a bokgoni a lephata
Go tokafatsa tiragatso ya go ithuta
Go tlhokomkela thuto le katiso mo lephateng
Go thusa mo go swetseng ditumelano tsa boithutelatirong
Go thapa Mogokaganyi wa Tlhabololo ya Bokgoni
Go thadisa Leano la Bokgoni la mo Tirong.
